Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Basiamisi 5:3 - Setswana 1970

3 Utlwang lona dikgosi! Sekegang ditsebe lona dikgosana! Nna ke tla opelela Morena, ke leletsa Morena Modimo wa Iseraele.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

3 Lona likhosi, utluañ: lona likhosana, sekegañ litsebe; ’na, ki tla opela Yehova; ki tla opela Yehova Morimo oa Bayeserela.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

3 Utlwang, lona dikgosi; sekegang tsebe, lona dikgosana; nna, e bong nna, ke tlaa opelela Jehofa; ke tlaa opelela Jehofa, Modimo wa Iseraele dipako.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Basiamisi 5:3
18 Iomraidhean Croise  

Gonne ke tla tlisa morwalela wa metsi mo lefatsheng, e le go senya nama yotlhe e mowa wa bophelo o leng mo go yona fa tlase ga letsatsi; tsotlhe tse di mo lefatsheng di tla swa.


“Bonang, ke tlhomamisa kgolagano ya me le lona le losika lwa lona morago ga lona;


Ke fa Elia a raya batho a re: “Go setse nna ke le nosi mo baporofeting ba Morena, mme baporofeti ba ga Baale ke banna ba le 450.


A araba a re: “Ke lwetse Morena, Modimo wa masomosomo, ka tlhoafalo; gonne Baiseraele ba tlogetse kgolagano ya gago, ba thubagantse dialetare tsa gago, ba bolaile baporofeti ba gago ka tšhaka, mo go setseng nna ke le nosi fela, mme ba batla go mpolaya.”


A araba a re: “Ke lwetse Morena, Modimo wa masomosomo, ka tlhoafalo, gonne Baiseraele ba tlogetse kgolagano ya gago, ba thubagantse dialetare tsa gago, ba bolaile baporofeti ba gago ka tšhaka, mo ke setseng ke le nosi fela, mme ba batla go mpolaya.”


Ke nna kgosi Arethašasetha ke laelang baokamedi botlhe ba mahumo ba ba ntlheng ya bophirimatsatsi ya noka ya Ferathe gore tsotlhe tse Esera, moperesiti morutegi mo molaong wa Modimo wa legodimo, o tla di kopang mo go lona, a di dirwe ka go akofa,


Ke tla bua ka ga ditshupo tsa gago fa pele ga dikgosi, ke sa tlhajwe ke ditlhong.


Ke tla nna ke galaletsa Morena ke ntse ke phela; ke tla nna ke opelela Modimo wa me ke sa ntse ke le yo.


Mme jaanong tlhogo ya me e tla bo e tsholetsegile godimo ga baba ba me ba ba mo tikologong ya me, mme ke rata go tlhaba ditlhabelo tsa meduduetso mo Tenteng ya gagwe. Ke rata go opela, go opelela Morena dipako.


A e nne mo sedulong sa bogosi fa pele ga Modimo ka bosakhutleng. Dira gore bopelotlhomogi le boammaaruri di e sireletse.


“Gape bona, ke dirile Oholiabe, morwa Ahisamage wa lotso lwa Dane mothusi wa gagwe. Ke tsentse botlhale mo dipelong tsa botlhe ba ba tlhalefileng gore ba dire tsotlhe tse ke di go laetseng,


gona le nna ke tla emelana le lona ka bogale, ke lo betsa gasupa ka ntlha ya dibe tsa lona.


“Heelang magodimo, tlhwayang ditsebe, ke bolele; heela lefatshe, reetsa dipolelo tsa molomo wa me!


Gonne ke tla baka leina la Morena ke re: Neelang Modimo wa rona tlotlo.


Go ne go tlhokafala babusi mo Iseraeleng, ba tlhokafala ga tsamaya ka tsoga, nna Debora, ka tsoga ke le Mma-Iseraele.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan