Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Basiamisi 4:6 - Setswana 1970

6 Jaanong ene a roma, a bitsa Barake morwa Abinoame kwa Keteše nageng ya ga Nafetale, a mo raya a re: “Ruri, Morena, Modimo wa Iseraele, o go laetse a re: ‘Tloga o ye kwa thabeng ya Thabore, o tsee banna ba le 10 000 ba Banafetale le ba Basebulone ba ye nao.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

6 Mi a roma a bitsa Barake moroa Abinoame kua Kedeshanafetala, a mo raea, Yehova Morimo oa Bayeserela a ga a ka a laola, a re, Ea, u tlatlogele mo thabeñ ea Tabora, mi tsaea banona ba ten thousanda nau, ba bana ba Nafetale le ba bana ba Sebulone?

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

6 A roma a ya go bitsa Barake morwa Abinoame a le kwa Keteše-nafetali, a mo raya a re: “A Jehofa Modimo wa Iseraele ga a a laola, a re: ‘Ya o atamele kwa thabeng ya Tabore, o tseye batho ba le 10 000 tsa bana ba ga Nafetali le ba bana ba ga Sebulone?

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Basiamisi 4:6
21 Iomraidhean Croise  

fa go ntse jalo, a mmaba a nteleke, a ntshware, a gatakele bophelo jwa me mo mmung, tlotlo ya me a e latse mo leroleng. Sela.


Magodimo ke a gago le lefatshe ke la gago; lefatshe le tse di tletseng mo go lone wena o di thaile tsotlhe.


Bokone le borwa o di tlhodile; Thabore le Heremone di dudueletsa leina la gago.


Ka bophelo jwa me!” Go bua yona kgosi e leina la yona e leng Morena wa masomosomo e re: “Ee, e tla tla, fela jaaka thaba ya Thabore e okame dithaba le jaaka ya Karemele e okame lewatle.


“Utlwang fa, lona baperesiti! Elang tlhoko, lona Baiseraele! Sekegang ditsebe, lona ba kgosing! Gonne kotlo e lebanye lona, ka lona lo ne lo le digole tsa Mitsepha le matloa a a thaisitsweng mo Thabore,


Gonne Morena o re laetse jalo a re: “ ‘Ke go dirile lesedi la baheitane gore o nne pholoso go fitlha kwa dikhutlong tsa lefatshe.’ ”


Mme ke sa ntse ke ka bua eng? Ke ne ke ka tlhaelelwa ke sebaka, fa nka bolela ka ga Giteone le Barake le Simesone le Ifetha le Dafita le Samuele le baporofeti


Kana ke go laetse ka re: Tia o nne pelokgale! Ka moo se rerege, o se kgobege marapo. Gonne Morena, Modimo wa gago, o na nao gongwe le gongwe kwa o tla yang teng.”


Naga ya bone e ne e fitlha kwa Thabore le kwa Sahasima le kwa Betšhemeše. Naga ya bone e be e felela kwa Joretane. E ne e le metse e le 16 kwa ntle ga metsana ya yona.


Tengwa ya borataro ya tswela Banafetale ka fa ditshikeng tsa bone.


Metse ya teng e e femetsweng e ne e le Sidime le Sere le Hamathe le Rakathe le Khinerethe


le Keteše le Eterei le Ene-Hasore


Mo lotsong lwa Nafetale ba fiwa motse wa botshabelo jwa babolai wa Keteše mo Galelea le mafulo a ona le wa Hamothe-Dore le mafulo a ona le wa Karethane le mafulo a ona. Ke metse e meraro.


Mme Barake a kua Basebulone le Banafetale go tla kwa Keteše, a ba a bolola a na le banna ba le 10 000; le Debora a bolola nae.


Ka letsatsi leo Debora le Barake morwa Abinoame ba boka ba re:


A ba a roma barongwi kwa go Bamanase botlhe, a ba kua le bone gore ba mo sale morago; gape a roma barongwi kwa go Baasere le Basebulone le Banafetale, mme ba bolola go mo kgatlhantsha.


Jaanong a botsa Seba le Salemuna a re: “Banna ba lo ba bolaetseng kwa thabeng ya Thabore ba ne ba ntse jang?” Ba re: “Ba ne ba tshwana nao; mongwe le mongwe a lebega jaaka ngwana wa kgosi.”


E tla re o sena go tloga teng le go etela pele le go fitlha kwa setlhareng sa eike sa Thabore, banna ba le bararo ba go fitlhele teng ba ba tlhatlogelang kwa Modimong kwa Bethele; mongwe a rwele dipotsane di le tharo, yo mongwe a rwele dinkgwe di le tharo, wa boraro a rwele lekuka la weine.


Mme Morena a roma Jerubaale le Barake le Ifetha le Samuele, a lo golola mo diatleng tsa baba ba lona tikologong, lwa ba lwa aga lo iketlile.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan