Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Basiamisi 4:5 - Setswana 1970

5 O ne a nna fa tlase ga Mokolane wa ga Debora fa gare ga Rama le Bethele mo dithabeng tsa Eferaime, mme Baiseraele ba ntse ba ya kwa go ene, ba batla go sekwa.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

5 Mi a bo a nntse tlatse ga mokolane oa Debore, o o ha gare ga Ramata le Beta‐ela, mo thabeñ tsa Eferaima; mi bana ba Yeserele ba mo tlatlogelela tsekisho.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

5 O ne a agile fa tlase ga mokolane wa ga Debora, fa gare ga Rama le Bethele mo lefatsheng la makgabana la Eferaime. Bana ba Iseraele ba ne ba tle ba ye go atlholwa kwa go ene.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Basiamisi 4:5
18 Iomraidhean Croise  

Foo ga swa Debora mmelegi wa ga Rebeka, a fitlhwa ka fa ntle ga Bethele ntlheng ya tlase, fa tlase ga mooka; wa ba wa bidiwa setlhare sa selelo.


Ka letsatsi la ka moso Moše a nna mo lekgotleng go atlhola batho. Batho ba bo ba dikanyeditse Moše go tswa mosong go fitlha maitsiboeng.


E a re fa ba na le kgang, ba tle kwa go nna gore ke seke kgang ya motho le mongwe-ka-ene, ke be ke ba itsise ditaelo tsa Modimo le melao ya ona.”


Jaanong utlwa mafoko a me, ke tla go gakolola, mme Modimo o tla nna nao. Wena o emele morafe fa pele ga Modimo, o ise mafoko a bone kwa Modimong;


Bone ba seka morafe ka metlha yotlhe. Mafoko a a thata ba a isa kwa go Moše, mme mafoko otlhe a mabotlana ba a atlhola ka bosi.


Morena o bua jaana a re: “Utlwelelang! Go utlwala sefela sa khutsafalo le selelo sa bogalaka kwa Rama: ‘Ragele o lelela bana ba gagwe, mme o gana go gomotsega ka ntlha ya bone, gonne ga ba tlhole ba le teng.’ ”


Jaanong go tswa kwa Bethele o ne o ya kwa Luse, o fetela pele kwa nageng ya Baaregi kwa Atarothe.


le Betharaba le Semaraime le Bethele


Le Gibeone le Rama le Beerothe


Jaanong ka sebaka seo Debora moporofeti wa sesadi, mogatsa Laphitothe, a atlhola Baiseraele.


Go no go le monna mongwe wa kwa Rama wa losika lwa ga Sufe lwa kwa dithabeng tsa Eferaime. Leina la gagwe e ne e le Elekana morwa Jerohame morwa Elihu morwa Thohu morwa Sufe wa Moeferaime.


Ka moso ba phakela, ba obamela fa pele ga Morena; jaanong ba tsamaya ba boela kwa ga bone kwa Rama. Elekana a itse Hana mosadi wa gagwe, mme Morena a mo gopola.


E rile Saule a sena go utlwela Dafita le banna ba ba nang nae, a nna fa tlase ga setlhare sa motamariseka kwa Gibea mo thoteng a tshotse lerumo la gagwe ka seatla, mme batlhanka botlhe ba gagwe ba eme fa go ene.


Jaanong Samuele a swa, mme Baiseraele botlhe ba kgobokana ba mo lelela, ba mo fitlha mo ntlong ya gagwe kwa Rama. Dafita ene a nanoga a fologela kwa sekakeng sa Pharane.


A be a boele kwa Rama; gonne ntlo ya gagwe e ne e le gona; a atlhole Baiseraele gona. Le gona a agela Morena aletare teng.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan