Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Basiamisi 4:23 - Setswana 1970

23 Modimo o ne wa kokobetsa Jabine kgosi ya Bakanana jalo fa pele ga Baiseraele ka letsatsi leo.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

23 Mi Morimo a katisa Yabine khosi ea Kanana tsatsiñ yeuo ha pele ga bana ba Yeserele.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

23 Jalo Modimo wa fenya Jabine kgosi ya Kanana ka tsatsi leo fa pele ga bana ba Iseraele.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Basiamisi 4:23
10 Iomraidhean Croise  

“A ga ke re, Morena, Modimo wa lona, o na le lona, o bile o lo neile boikhutso ntlheng tsotlhe. Gonne o ne wa neela baagi ba pele ba lefatshe le mo diatleng tsa me, mme lefatshe le la tsenngwa mo taolong ya Morena le ya morafe wa gagwe.


Mme bana ba tsena, ba thopa lefatshe, mme wa dira gore baagi ba lefatshe, e bong Bakanana ba fenngwe ke bone, wa ba neela mo diatleng tsa bone le dikgosi tsa bone le merafe ya lefatshe gore ba dire ka bone ka fa ba ratang ka teng.


Ke ba thubakile, ba be ba retelelwa ke go tsoga; ba wetse fa tlase ga dinao tsa me.


Morena o a phela. A go bakwe ene lefika la me. A go godisiwe Modimo wa pholoso ya me;


Gonne Morena Mogodimodimo o a boitshega; ke kgosi e kgolo mo lefatsheng lotlhe.


E kete batho ba me ba ka bo ba nkutlwa! E kete Iseraele o ka bo a sepela mo ditseleng tsa me!


Mme e tla re dilo tsotlhe di sena go digelwa fa tlase ga gagwe, le ene Morwa a ikobele ona o o digetseng tsotlhe fa tlase ga gagwe, gore Modimo e nne wa tsotlhe mo go botlhe.


ba ba fentseng magosi ka tumelo, ba dirafatsa tshiamo, ba amogela tse ba di solofeditsweng, ba thiba magano a ditau,


Ya baa gona go fitlhang Barake, a lateletse Sisera, mme Jaele a tswela kwa ntle, a mo kgatlhantsha, a mo raya a re: “Tlaya, ke tla go bontsha monna yo ò mmatlang.” A tsena kwa go ene, a fitlhela Sisera a namaletse fa fatshe a sule; lomapo lo le mo letlhwaneng la gagwe.


Mme mabogo a Baiseraele a nna a tswelela pele go imela Jabine kgosi ya Bakanana ga tsamaya ba nyeletsa Jabine kgosi ya Bakanana.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan