Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Basiamisi 4:2 - Setswana 1970

2 Ke fa Morena a ba rekisa mo diatleng tsa ga Jabine kgosi ya Bakanana, yo mošate wa gagwe e neng e le Hasore. Molaodi wa mephato ya gagwe e ne e le Sisera yo o neng a agile kwa Harošethe wa baheitane.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

2 Mi Yehova a ba bapatsa mo atleñ sa ga Yabine khosi ea Kanana, eo o la a busa mo Hatsora; mi khosana ea entua ea gague e le le Sisere, e e le ea nna kua Harosheta‐goima.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

2 Mme Jehofa a ba rekisetsa mo seatleng sa ga Jabine kgosi ya Kanana, yo o ne a busa mo Hasore; yo kgosana ya ntwa ya gagwe e neng e le Sisera, yo o ne a agile mo Harošethe wa merafe.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Basiamisi 4:2
11 Iomraidhean Croise  

Baasiria le bona ba ikopantse nabo, ba thusa boora Lote. Sela.


Morena o bua jaana a re: “Lokwalo lwa tlhalo la ga mmaeno lo kae, lwa ke mo tlhadileng ka lone? Gongwe ke molato le mang, yo ke lo rekisitseng mo go ene? Bonang, lo rekisitswe ka ntlha ya melato ya lona. Mmaalona o tlhadilwe ka ntlha ya maleo a lona.


Mme ya re ka a palelwa ke go lefa, morena a laola gore a rekisiwe le mosadi le bana le tsotlhe tse o nang natso, gore go duelwe mesuga.


E rile Jabine, kgosi ya Hasore, a utlwela dilo tseo, a roma kwa go Jobabe, kgosi ya Matone, le kwa kgosing ya Simerone le kwa kgosing ya Agešafe,


le Atama le Rama le Hasore


Ke fa bogale jwa Morena bo tukela Baiseraele, mme a ba rekisa mo diatleng tsa Bafelesita le tsa Baamone.


Jaanong Sisera a kua dikoloi tsotlhe tsa ntwa tsa gagwe, e le dikoloi tsa tshipi di le 900 le banna botlhe ba batlhabani ba na nae, a ba bolotsa mo Harošethe wa baheitane, a ba isa kwa nokaneng ya Kisone.


Mme Barake a tebela dikoloi tsa ntwa le mephato yotlhe go ya kwa Harošethe wa baheitane; mephato yotlhe ya ga Sisera ya wa ka bogale jwa tšhaka, ga se ka ga sala ope.


Mme ya re ba lebala Morena, Modimo wa bone, a ba neela mo diatleng tsa ga Sisera molaodi wa mephato ya kwa Hasore, le mo diatleng tsa Bafelesita le mo diatleng tsa kgosi ya Moabe, mme ba tlhabana nabo.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan