Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Basiamisi 4:13 - Setswana 1970

13 Jaanong Sisera a kua dikoloi tsotlhe tsa ntwa tsa gagwe, e le dikoloi tsa tshipi di le 900 le banna botlhe ba batlhabani ba na nae, a ba bolotsa mo Harošethe wa baheitane, a ba isa kwa nokaneng ya Kisone.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

13 Mi Sisere a biletsa licariota tsa gague cotle mogo, eboñ licariota tsa tsipi li naene hundereda, le bathu botle ba ba nañ nae, go simolola ka Harosheta‐goima le kua molacoaneñ oa Kishona.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

13 Sisera a phutha dikara tsa gagwe tsotlhe fela, e bong dikara tsa tshipi tse di 900, le batho botlhe ba o nang nabo, go tswa Harošethe wa merafe go ya nokeng ya Kišone.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Basiamisi 4:13
7 Iomraidhean Croise  

Mme Elia a ba raya a re: “Tshwarang baporofeti ba ga Baale, a go se falole ope wa bone.” Ba ba tshwara, mme Elia a ba folosetsa kwa nokaneng ya Kisone, a ba bolaela teng.


Ke fa Bajosefa ba re: “Dithaba ga di re lekane, mme Bakanana botlhe ba ba agileng mo nageng ya leboa ba na le dikoloi tsa ntwa tsa tshipi, e bong ba ba mo Betšheane le mo metsaneng ya teng le ba ba mo leboeng la Iserele.”


Mme Morena a bo a na le Bajuta, mo ba bileng ba thopa dithaba; gonne ba ne ba sa kgone go leleka baagi ba naga e e kwa tlase, ka bone ba na le dikoloi tsa ntwa tsa tshipi.


Ke fa Sisera a begelwa go twe: “Barake morwa Abinoame o tlhatlogetse mo thabeng ya Thabore.”


Ke tla gogela Sisera molaodi wa mephato ya ga Jabine kwa go wena kwa nokaneng ya Kisone mmogo le dikoloi tsa ntwa tsa gagwe le bontsi jwa gagwe, ke mo neela mo diatleng tsa gago.’ ”


Ga tla dikgosi, tsa tlhabana; foo ga tlhabana dikgosi tsa Kanana kwa Thaenage fa metsing a Megito – di sa bone thopo ya selefera.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan