Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Basiamisi 4:11 - Setswana 1970

11 Jaanong Hebere wa Mokeni o ne a kgaoganye le Bakeni ba e leng bomorwa Hobabe, kgaitsadia mosadi wa ga Moše, a nna a tlhoma tente ya gagwe go ya go fitlha kwa setlhareng sa eike mo Saananime gaufi le Keteše.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

11 Mi Hebere oa Mokena, oa bana ba Hobabe mogue oa Moshe, a la a itomolola mo Bakeneñ, a tloma tenta ea gague ha moterebenteñ oa Tsanaima, o o ha Kedesha.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

11 Jaana Hebere wa Mokene o ne a kgaoganye le Bakene, e bong bana ba ga Hobabe mogwagadi wa ga Moše, mme o na a tlhomile mogope wa gagwe go ya go fitlha kwa mookeng mo Saanenime, o o fa Keteše.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Basiamisi 4:11
13 Iomraidhean Croise  

Jetoro moperesiti wa kwa Midiane, mogwagwadia Moše, o ne a utlwetse dilo tsotlhe tse Modimo o di diretseng Moše le Baiseraele morafe wa ona le gore Morena o ntshitse Baiseraele mo Egepeto .


E rile ba fitlha kwa go Rehuele rraabo, ene a re: “Ke ka ntlha ya eng, fa lo boile ka pele kajeno?”


Moše o ne a ntse a disa letsomane la ga Jetoro mogwagwadiagwe, moperesiti wa Midiane. O kile a disa letsomane, a fetile sekaka, a fitlha kwa thabeng ya Modimo ya Horebe.


Mme Moše a bua le Hobabe morwa Rehuele wa Momidiane, mogwagwadiagwe, a re: “Jaanong re hudugela kwa felong fa go boletsweng ke Morena a re: ‘Ke tla go lo naya.’ Tlaya le rona, mme re tla go direla tse di molemo; gonne Morena o solofeditse Baiseraele tse di molemo.”


E tla re fa o ya le rona, tse di molemo tse Morena o tla di re direlang, le wena re di go direle.”


Ya re a bona Bakeni, a tlhaba loboko lwa gagwe a re: “Kago ya gago e tiile, sentlhaga sa gago se agilwe mo lefikeng.


Molelwane wa bone o ne o tswa kwa Helefe le kwa setlhareng sa eike se se kwa Saananime, o ya kwa Atami-Nekebe le Jabenele go fitlha kwa Lakhume, o felela kwa Joretane.


le Keteše le Eterei le Ene-Hasore


Mme bomorwa Hobabe wa Mokeni kgaitsadia mosadi wa ga Moše ba ne ba bolotse kwa Motseng wa Mekolane mmogo le Bajuta, ba ya kwa sekakeng sa Juta se se mo ntlheng ya borwa ya motse wa Arate. Ba ya ba nna mmogo le morafe.


Ke fa Sisera a begelwa go twe: “Barake morwa Abinoame o tlhatlogetse mo thabeng ya Thabore.”


Jaanong ene a roma, a bitsa Barake morwa Abinoame kwa Keteše nageng ya ga Nafetale, a mo raya a re: “Ruri, Morena, Modimo wa Iseraele, o go laetse a re: ‘Tloga o ye kwa thabeng ya Thabore, o tsee banna ba le 10 000 ba Banafetale le ba Basebulone ba ye nao.


Le gona Saule a raya Bakeni a re: “Nanogang, lo tloge, lo tswe mo gare ga Baamaleke e se re gongwe ka lo nyeletsa nabo; ka gonne lona lo diretse Baiseraele botlhe ka bopelotlhomogi jale fa ba tswa kwa Egepeto.” Ke fa Bakeni ba tloga, ba tswa mo gare ga Baamaleke.


Jaanong fa Agiše a botsa a re: “Lo tswa go tlhasela kae gompieno?” Dafita a arabe a re: “Kwa nageng ya borwa ya Juta le kwa nageng ya borwa ya Bajeramele le kwa nageng ya borwa ya Bakeni.”


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan