Basiamisi 3:3 - Setswana 19703 Ke dikgosi tse tlhano tsa Bafelesita le Bakanana le Basitone le Bahewi botlhe ba ba neng ba agile kwa dithabeng tsa Lebanone go tswa thabeng ya Baale-Heremone go ya go fitlha kwa Hamathe. Faic an caibideilBibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)3 Likhosana tsa Bafiliseta li faeve, le Bakanana botle, le Batsidona, le Baheva, ba ba nntseñ mo thabeñ tsa Lebanona, go simolola ka thaba ea Baala‐heremona le kua botsenoñ yoa Hamata. Faic an caibideilBAEBELE e e Boitshepo3 ke go re, barena ba batlhano ba Bafilisitia, le Bakanana botlhe, le Basitone, le Bahife ba ba agileng mo thabeng ya Lebanone, go tswa Baale-heremone go ya botsenong jwa Hamathe. Faic an caibideil |
Le gona ka sebaka seo Salomo a dira moletlo le Baiseraele botlhe e le phuthego e kgolo, ba tswa mo lefatsheng lotlhe go simolola ntlheng ya Hamathe go ya go fitlha kwa molatswaneng wa Egepeto, ba le fa pele ga Morena, Modimo wa rona, malatsi a supa le malatsi a supa gape, e le malatsi a le 14 mmogo.
Ke fa banna ba batlhano ba ya ba fitlha kwa motseng wa Laiše, ba bona batho ba ba mo go ona ba agile mo thagamong ka fa melaong ya Basitone, ba iketlile, ba sa boife sepe, go se na ope yo o utlwisang botlhoko mo lefatsheng leo ka go thukhutha khumo; le gona ba le kgakala le Basitone, ba sa kgathalale batho ba bangwe.
Ba di okeletsa dipeba tsa gouta ka fa palong ya metse yotlhe ya Bafelesita e e leng ya dikgosana tse tlhano, ya metse e e femetsweng le ya metsana e e sa agelelwang ya naga fela. Mme lefika le legolo le ba beileng Letlole la Morena mo go lone e ntse e le sesupo kwa tshimong ya ga Jošua wa kwa Betšhemeše go fitlha letsatsing la kajeno.