Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Basiamisi 3:16 - Setswana 1970

16 Jaanong Ehute a itirela tšhaka e e magale-mabedi ya boleele jwa letsogo, a e tlama ka fa teng ga diaparo tsa gagwe fa seropeng sa le le jang;

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

16 Mi Ehude a itihela caka ea ma-yetla a tu, ea bolele yoa kubeta; mi a e cuala kaha seropeñ sa gague se se siameñ ha tlatse ga aparo tsa gague.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

16 Ehute a itirela thipa e e magale mabedi, e e boleele jwa letsogo; a e ikgatlhelela ka fa seropeng sa ka fa tsogong le legolo, ka fa tlase ga diaparo tsa gagwe.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Basiamisi 3:16
10 Iomraidhean Croise  

Ya re ba le kwa letlapeng le legolo le le kwa Gibeone, Amasa a tla a rakana nabo. Mme Joabe o ne a tlamile tšhaka mo diaparong tsa tlhabano tsa gagwe; ka fa ntle ga tsona go le moitlamo wa tšhaka e bofeletswe mo dinokeng tsa gagwe e le mo kgatleng ya yona, mme ya re Joabe a ntse a tsamaya, ya wa.


dipôkô tsa Modimo di le mo melomong ya bona le tšhaka e e magale mabedi mo diatleng tsa bona,


O montle thata go gaisa bana ba motho; natefo e tshetswe mo melomong ya gago; ke gona ka moo Modimo o go tshegofaditseng ka bosakhutleng.


Botlhe ba tshwere ditšhaka, ba tlwaetse tlhabano. Mongwe le mongwe a ipofeletse tšhaka mo lethekeng ka ntlha ya ditherego tsa bosigo.


Gonne Lefoko la Modimo le a tshela, le a dira, le bogale go feta tšhaka nngwe le nngwe e e magale mabedi; le a phololela, le be le kgaoganye botshelo le mowa le malokololo le moko, le atlhole dikakanyo le maikutlo a pelo.


O ne a tshotse dinaledi di supa ka seatla se se jang, mo molomong wa gagwe go dule tšhaka e e bogale, e e magale mabedi; sefatlhego sa gagwe se le jaaka letsatsi, fa le phatsima ka thata ya lone.


“Kwalela moengele wa phuthego ya kwa Peregamo o re: ‘Yo o tshotseng tšhaka e e bogale, e e magale mabedi, o bua jaana a re:


Mme ya re Baiseraele ba lelela Moreneng a ba tsosetsa gape mopholosi, e bong Ehute, morwa Gera wa Mobenyamene, monna yo o molema. Baiseraele ba ne ba romela lekgetho kwa go Egelone kgosi ya Moabe ka ene.


a ba a isa lekgetho kwa go Egelone kgosi ya Moabe. Mme Egelone e ne e le monna yo o nonneng thata.


Mme Ehute a tsenya letsogo la molema la gagwe, a somola tšhaka fa seropeng sa le le jang, a e tlhaba mo mpeng ya yona.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan