Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Basiamisi 3:13 - Setswana 1970

13 A ba a iphuthela Baamone le Baamaleke, a ya go itaya Baiseraele, a thopa Motse wa Mekolane.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

13 Mi a iphuthela Baamona le Baamaleka, mi a bolola a khemetha Bayeserela, mi ba rua motse oa mekolane.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

13 A iphuthela kwa go ene bana ba ga Amone, le ba ga Amaleke; mme a ya a kgemetha Iseraele, mme ba rua motse wa makolane.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Basiamisi 3:13
9 Iomraidhean Croise  

le naga ya borwa le molapo wa Joretane le lebala la Jerigo, motse wa mekolane, go ya kwa Soare.


Mme bomorwa Hobabe wa Mokeni kgaitsadia mosadi wa ga Moše ba ne ba bolotse kwa Motseng wa Mekolane mmogo le Bajuta, ba ya kwa sekakeng sa Juta se se mo ntlheng ya borwa ya motse wa Arate. Ba ya ba nna mmogo le morafe.


Mme Morena a raya Baiseraele a re: “A ga ke re, ke lo golotse mo go Baegepeto le mo go Baamori le mo go Baamone le mo go Bafelesita?


Mme ya re Basitone le Baamaleke le Bamaone ba lo pitlaganya, lwa lelela go nna, mme ka lo pholosa mo diatleng tsa bone.


Le gona Baamone ba tshela Joretane go tlhabana le Bajuta le Babenyamene le Baeferaime, mo Baiseraele ba bileng ba pitlaganngwa thata.


Jaanong Baiseraele ba direla Egelone kgosi ya Moabe dinyaga di le 18.


Ba tswa kwa Eferaime ba ba agileng mo nageng ya Amaleke; Babenyamene ba go latela mo gare ga batlhabani ba gago; balaodi ba fologa kwa Magire; ba ba bololang ba latetse thobane ya molaodi wa batlhabani, ba tswa kwa Sebulone.


E ne ya re fa Baiseraele ba sena go jwala, go tlhage Bamidiane le Baamaleke le ba kwa botlhabatsatsi, ba ba tlhasele,


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan