Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Basiamisi 3:1 - Setswana 1970

1 Mme ditšhaba tse Morena o neng a di sadisa gore ka tsona a leke Baiseraele botlhe ba ba neng ba sa itse dintwa tsotlhe tsa Kanana, ke tse:

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

1 MI e ki eona merahe e Yehova o la a e lesetsa, go leka Bayeserela ka eona, eboñ botle ba ba sa itseñ tlabano epe tsa Kanana;

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

1 Jaana merafe e Jehofa o ne a e tlogela, go leka Baiseraele ka yone ke e, e bong botlhe ba ba se kang ba itse dintwa tsotlhe tsa Kanana;

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Basiamisi 3:1
20 Iomraidhean Croise  

bana ba bone ba ba sa ntseng ba le mo lefatsheng sehularong sa bone, ba Baiseraele ba paletsweng ke go ba fedisa ka polao e e laetsweng ke Modimo, ke bone ba Salomo o neng a ba bolotsa go ya ditirong tsa mekuio. Ba sa ntse jalo le kajeno.


Le gona o ne a ntse jalo, fa barongwi ba babusi ba Babele ba tla ba romilwe kwa go ene go botsolotsa ka ga sesupo se se gakgamatsang se se dirafetseng mo lefatsheng; ke fa Modimo o mo tlogela fela go mo leka gore o itse tsotlhe tse di leng mo pelong ya gagwe.


Gonne Modimo o itse tsamao ya me; fa o ka nteka, ke tla tswa jaaka gouta.


Jaanong ya re ene a goela kwa Moreneng, Morena a mo supetsa setlhatshana sengwe; ya re a sena go se latlhela mo metsing, metsi a nna monate. Gona foo a ba beela melao le dikaelo, foo a ba leka


Selefera e itshekisiwa mo pitseng e e tlhaolosang le gouta mo leisong la moubo, mme Morena o leka dipelo jalo.


Morena o ne a ntheile a re: “Ke go dirile motlhatlhobi mo morafeng wa me le motlhaodi wa ona gore o itse, o tlhatlhobe ditsela tsa bone.


Mme ke tla tsenya karolo ya boraro mo molelong gore ba gakologe, ba itsheke jaaka go itshekisiwa selefera; ke ba tlhatlhoba jaaka gouta e tlhatlhojwa. Bao ba tla rapela leina la me, mme ke tla ba utlwa ke re: ‘Ke bone morafe wa me!’ Mme bone ba tla re: ‘Morena, Modimo wa rona!’


Mme Jesu ka esi a se ka a ba ikanya, mo a ka ba ipolelelang, ka a ba itse botlhe,


Morena, Modimo wa gago, o tla leleka ditšhaba tseo fa pele ga gago a iketlile; ga lo ka ke lwa di fedisa ka pele, e se re gongwe dibata tsa naga tsa lo atela.


yo o neng a go jesa Mmana mo sekakeng, o borraeno ba neng ba sa o itse gore a go kokobetse le go go leka gore a tle a go direle tse di molemo kwa bofelong.


Gopola tsela yotlhe e Morena, Modimo wa gago, o go tsamaisitseng mo go yona dinyaga tse di 40 kwa sekakeng gore a tle a go kokobetse, a go leke, a itse tse di mo pelong ya gago gore a o tla tlhokomela ditaolo tsa gagwe gongwe nnyaya.


gore tlhomamo ya tumelo ya lona e e lekilweng e fitlhelwe e le e e gaisang gouta e e nyelelang e e lekwang ka molelo, e bokwe, e galalediwe, e tlotliwe mogang go bonatsegang Jesu Keresete,


Baratwa, lo se ka lwa gakgamadiwa ke pogo e e fisang e e lo dirafalelang gore lo lekwe, jaaka e kete lo dirafalelwa ke se se ronang.


Bana ba gagwe ke tla ba bolaya ka loso; diphuthego tsotlhe di tla itse gore ke nna yo o tlhotlhomisang diphilo le dipelo; mongwe le mongwe wa lona ke tla mo naya ka fa ditirong tsa gagwe.


E rile morago ga loso lwa ga Jošua Baiseraele ba botsa Morena ba re: “Ke mang mo go rona yo o tshwanetseng go bololela Bakanana pele go tlhabana nabo?”


Ya re botlhe ba metlha ele ba sena go gorosiwa kwa go borraabo, ga tsoga ba bašwa sehularong sa bone ba ba sa itseng Morena le e seng ditiro tse o di diretseng Baiseraele.


Morena a sadisa ditšhaba tseo jalo, a se ka a di leleka ka pele le e seng go di neela mo diatleng tsa ga Jošua.


(E ne e le ka ntlha ya tlhalefo ya ditshika tsa Baiseraele fela go ba ruta tlhabano; bone fela ba ba neng ba sa e itse pele ga foo.)


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan