Basiamisi 21:4 - Setswana 19704 Mme ya re kamoso batho ba phakela, ba aga aletare teng, ba dira ditlhabelo tsa phiso le tsa tebogo. Faic an caibideilBibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)4 Mi ga rihala ka mosho, bathu ba phakela ba aga aletara gona, ba hisa cupelo tsa phisho le cupelo tsa tebogo. Faic an caibideilBAEBELE e e Boitshepo4 Ga dirala ya re ka moso batho ba phakela, mme ba aga sebeso gone, ba isa ditshupelo tse di fisiwang le ditshupelo tsa kagiso. Faic an caibideil |
Ka letsatsi leo kgosi ya itshepisa bogare jwa lelapa le le mo ntlheng ya botlhabatsatsi ya Ntlo ya Morena; gonne teng o ne a tlisa ditlhabelo tsa phiso le ditshupelo tsa bupe le mafura a ditlhabelo tsa tebogo, ka aletare ya kgotlho e e neng e le fa pele ga Morena e le potlana, e sa lekane ditlhabelo tsa phiso le ditshupelo tsa bupe le mafura a ditlhabelo tsa tebogo.