Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Basiamisi 21:2 - Setswana 1970

2 Jaanong ya re batho ba sena go fitlha kwa Bethele, ba nna teng go fitlha mantsiboa fa pele ga Modimo, ba tsholetsa mantswe, ba lela selelo se segolo,

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

2 Mi bathu ba ea kua tluñ ea Morimo, ba nna gona go ea matsiboeeñ ha pele ga Morimo, ba culetsa koru tsa bona ba lela ka telo e kholu.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

2 Batho ba tla mo Bethele, ba dula teng fa pele ga Modimo go ya maitseboeng, ba tsholetsa mantswe a bone ba lela mo go botlhoko.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Basiamisi 21:2
10 Iomraidhean Croise  

Esau a botsa rraagwe a re: “Rra, a o ne o na le tshegofatso e le nngwe fela? Rra, le nna ntshegofatse!” Ke fa Esau a tsholetsa lentswe, a lela.


E rile Baiseraele ba sena go thopa lefatshe, ba phuthegela botlhe kwa Silo, ba tlhoma Tempelana ya Boipontsho teng.


E rile moengele wa Morena a sena go bolelela Baiseraele botlhe mafoko ao batho ba tlhatlosa mantswe, ba lela;


Jaanong Baiseraele ba tloga ba tlhatlogela kwa Bethele, ba botsa Modimo ba re: “Ke bomang mo go rona ba ba tshwanetseng go etelela pele le go simolola ntwa le Babenyamene?” Morena a re: “A go simolole Bajuta.”


Mme pele ga foo Baiseraele ba ne ba tlhatlogetse kwa Bethele, ba lela fa pele ga Morena go ya mantsiboeng. Ba botsa Morena ba re: “A re tshwanetse go atamela gape go tlhabana le Babenyamene, bomorwa-rraarona?” Morena a re: “Ba bololeng!”


Ke fa batlhabani botlhe ba Iseraele ba tlhatlogela kwa Bethele, ba nnela go lela teng fa pele ga Morena, ba itima dijo ka letsatsi leo go ya mantsiboeng, ba direla Morena ditlhabelo tsa phiso le tsa tebogo.


Mo baaging ba Jabese kwa Gileate ba fitlhela basetsana ba makgarebe ba le 400 ba ba iseng ba itse monna; ba ba isa kwa bothibelelong kwa Silo yo o mo lefatsheng la Kanana.


ba re: “Morena Modimo wa Iseraele, ke ka ntlha ya eng, fa selo se, se dirafetse mo Iseraeleng; fa kajeno go tlhokafala lotso longwe lwa Iseraele?”


Barongwi bao ba fitlha kwa Gibea wa ga Saule, ba bolela mafoko ao mo ditsebeng tsa batho. Ke fa batho botlhe ba tlhatlosa mantswe ba lela.


Ke fa Dafita le banna ba ba nang nae ba tlhatlosa mantswe ba lela go fitlhelela ba felelwa ke thata ya go ka lela.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan