Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Basiamisi 21:1 - Setswana 1970

1 Banna ba Iseraele ba ne ba ikanne kwa Mitsepha ba re: “Go se ka ga nna ope mo go rona yo o nayang Mobenyamene morwadie go nna mosadi.”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

1 MI banona ba Bayeserela ba le ba ikana kua Mitsepa, ba re, Ga go ope oa rona eo o tla naeañ Babenyamina moroarie go na mosari.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

1 Jaana banna ba Iseraele ba bo ba ikanne mo Misepa, ba re: “Ga go na ope wa rona yo o tlaa nayang Mobenjamine morwadie go nna mosadi.”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Basiamisi 21:1
19 Iomraidhean Croise  

Ikakanye o ise o bue; a pelo ya gago e se ka ya itlhaganela go ntsha lefoko fa pele ga Modimo. Gonne Modimo o kwa legodimong, mme wena o mo lefatsheng. Ke gona he, a mafoko a gago a se nne mantsi.


Mme fa o ikana ka boammaaruri le ka tshiamo le ka tshwanelo o re: ‘Ka Morena yo o phelang!’ foo ditšhaba di tla itshegofatsa ka ene, di itumisa ka ene.”


Mme Jeremia a fitlha kwa go Ketalea, morwa Ahikame, kwa Mitsepha, a nna nae mo gare ga batho ba ba setseng mo lefatsheng.


A ba a mo ikanela a re: “Se o tla se nkopang ke tla se go naya, le fa e ka nna bontlhanngwe jwa puso ya me.”


E rile bo sena go sa, Bajuta ba dira kgolagano, ba ikana ka khutso gore ga ba kitla ba ja le e seng go nwa, ba ise ba bolae Paulo.


gonne ke supa ka ga bone gore ba tlhoafaletse Modimo, mme e seng ka tlhaloganyo.


Ke fa Baiseraele botlhe ba bolola; phuthego ya phuthegela kwa Mitsepha fa pele ga Morena ka seopo se le sengwe go tswa kwa Dane go ya kwa Bereseba le ba lefatshe la Gileate.


A e re mo lotsong longwe le longwe lwa Iseraele banna ba ba 100 ba ntshe lesome, ba ba 1 000 ba ntshe 100, ba kete tse some ba ntshe 1 000, ba ye go tseela morafe mefago. Mme e re ba sena go boa, re direle Gibea wa Benyamene tse di tshwanetseng tiro yotlhe e e tlhabisang ditlhong e ba e dirileng mo Iseraeleng.”


Jaanong banna ba Iseraele ba boela kwa go Babenyamene, ba ba bolaya ka bogale jwa tšhaka, e bong batho ba metse le diruiwa le sengwe le sengwe se ba se fitlhelang. Le gona ba fisa metse yotlhe ka molelo.


Ke fa morafe otlhe o ema ka bongwefela o re: “A go se nne ope wa rona yo o boelang kwa tenteng ya gagwe le e seng ope wa rona yo o fapogelang kwa ntlong ya gagwe.


Rona re palelwa ke go ba naya basadi ba e leng bomorwadia-rona; gonne re le Baiseraele re ikanne ra re: ‘Go hutsitswe yo o nayang Mobenyamene morwadie go nna mosadi.’ ”


Mme e re fa borraabo gongwe bokgaitsadia-bone ba tla go lwa le lona, lo ba fetole lo re: ‘Re itshwareleng! Gonne ga re a bona basadi rotlhe ka ntwa. Kana ga se lona lo ba re neetseng. Gonne foo lo ka bo lo le molato.’ ”


Jaanong Baiseraele ba botsa ba re: “Ke mang mo ditsong tsotlhe tsa Iseraele yo o se kang a tla mo pitsong kwa Moreneng?” Gonne go ne go dirilwe maikano a magolo a gore, yo o sa tleng kwa Moreneng kwa Mitsepha, ruri o tla bolawa.


Jaanong ba ba setseng re ka ba direla jang gore ba bone basadi? Gonne rona re ikanne ka Morena ra re: ‘Ga re kitla re ba naya bomorwadia-rona go nna basadi.’ ”


Mme banna ba Iseraele ba lapile ka letsatsi leo, Saule a ikanisa banna a re: “Go hutsitswe monna yo o ka jang dijo pele ga mantsiboa, ke ise ke ipusolosetse mo babeng ba me.” Ka moo banna botlhe ba se ka ba ja dijo.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan