Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Basiamisi 20:9 - Setswana 1970

9 Mme jaanong se re tla se direlang Gibea ke se: A re mmololeng ka fa tengweng!

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

9 Mi yana, se ki shona se re tla se rihelañ Gibea, a re o thelele likelero:

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

9 Jaana se re tlaa se dirang Gibea ke se: Re tlaa o bololela ka taolo ya bola;

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Basiamisi 20:9
9 Iomraidhean Croise  

Ba kgaoganya bao le bao ka ditengwa; gonne go ne go le bagolo ba ba boitshepo, e bong bagolo ba Modimo mo losikeng lwa ga Eleasare le mo losikeng lwa ga Ithamare.


Bagolo ba morafe ba ne ba agile kwa Jerusalema, mme batho ba bangwe ba tlhama tengwa gore motho wa bosome a tle a age mo Jerusalema, motseng o o boitshepo, mme ba ba robongwe ba sale kwa metseng e mengwe.


Tengwa e kgotlokgodiwa mo pataneng ya seaparo, mme katlholo ya yona e tswa mo Moreneng.


Mme ba raana ba re: “Tlaang a re tlhameng tengwa, re tle re itse gore re dirafalelwa ke bosula jo ka ntlha ya ga mang?” Jaanong ya re ba tlhama tengwa, tengwa ya supa Jona.


Jaanong ba ba tlhamela ditengwa, mme tengwa ya supa Mathia; a tlhophiwa jalo go nna mongwe wa baapostolo ba ba 11.


Ba ba abela dinaga tsa bone ka tengwa jaaka Morena a ne a laotse ka Moše gore ba di nee ditso tse di le robongwe le bontlhanngwe jwa lotso.


A e re mo lotsong longwe le longwe lwa Iseraele banna ba ba 100 ba ntshe lesome, ba ba 1 000 ba ntshe 100, ba kete tse some ba ntshe 1 000, ba ye go tseela morafe mefago. Mme e re ba sena go boa, re direle Gibea wa Benyamene tse di tshwanetseng tiro yotlhe e e tlhabisang ditlhong e ba e dirileng mo Iseraeleng.”


Ke fa morafe otlhe o ema ka bongwefela o re: “A go se nne ope wa rona yo o boelang kwa tenteng ya gagwe le e seng ope wa rona yo o fapogelang kwa ntlong ya gagwe.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan