Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Basiamisi 20:6 - Setswana 1970

6 Ka ba ka tsaya nyatsi ya me, ka mo kgaoganya dikarolo, ka di romela kwa dinageng tsotlhe tsa lefatshe la Baiseraele; gonne ba dirile tiro e e tlhabisang ditlhong ya boikepo mo Iseraeleng.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

6 Mi ka cuara mogariñuana oa me, ka mo khabetlela, ka mo romela mo hatsiñ yeotle ya boshua yoa Bayeserela: gone ba rihile mathamo le totsahalo mo Bayesereleñ.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

6 Ka tsaya mogadingwana wa me ka mo kgabetlela, ka mo isa le lefatshe lotlhe la boswa jwa Iseraele; gonne ba dirile botlhabisa ditlhong le bosilo mo Iseraele.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Basiamisi 20:6
9 Iomraidhean Croise  

Jaanong e rile bomorwa Jakobe ba tswa kwa nageng, ba tsena mo gae, ba utlwa dilo tseo. Mme ba utlwa botlhoko, ba tuka bogale thata, gonne o ne a dirile boatla mo go Iseraele ka go robala le morwadia Jakobe, ba re: “Se se ntseng jalo ga se a tshwanela go dirwa.”


“ ‘Lo se ka lwa iitshekolola ka sepe sa dilo tseo; gonne baheitane ba ke tla ba lelekang fa pele ga lona ba iitshekolotse ka tsotlhe tseo.


“ ‘Tlhokomelang he tse di beilweng ke nna gore lo se dire sepe sa mekgwa ya maila a batho ba a dirileng pele ga lona, le e seng go iitshekolola ka ona. Ke nna Morena, Modimo wa lona.’ ”


Mme a ene yo o fitlhelwang a na le tse di hutsitsweng a fisiwe ka molelo, ene le tsotlhe tse o nang natso; gonne o tlodile kgolagano ya Morena, a dira boleo jo bogolo mo go Iseraele.’ ”


Ya re ba ntse ba itumedisa dipelo tsa bone, ga tla banna ba motse, banna ba dikebeke, ba dikanyetsa ntlo, ba itaya setswalo, ba raya monna mogolo mong wa ntlo, ba re: “Ntsha monna yo o tlileng mo ntlong ya gago gore re tle re mo senye.”


Mme monna yoo, mong wa ntlo a tswela kwa go bone, a ba raya a re: “Nnyaya, ba ga etsho! A lo ke lo se ka lwa dira bosula jo bo kalo! Jaanong ka monna yoo a setse a gorogetse mo ntlong ya me, se direng tiro e e tlhabisang ditlhong e!


Ya re a sena go fitlha kwa gae, a tsaya thipa, a tshwara setoto sa nyatsi ya gagwe, a se kgaoganya ka fa ditokololong tsa sona, a dira dikarolo di le 12, a di romela kwa dinageng tsotlhe tsa Iseraele.


A e re mo lotsong longwe le longwe lwa Iseraele banna ba ba 100 ba ntshe lesome, ba ba 1 000 ba ntshe 100, ba kete tse some ba ntshe 1 000, ba ye go tseela morafe mefago. Mme e re ba sena go boa, re direle Gibea wa Benyamene tse di tshwanetseng tiro yotlhe e e tlhabisang ditlhong e ba e dirileng mo Iseraeleng.”


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan