Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Basiamisi 20:2 - Setswana 1970

2 Ga ikemisa ditlhogo tsotlhe tsa morafe le ditso tsotlhe tsa Iseraele mo pitsong ya morafe wa Modimo e le banna ba le 400 000 ba dinao ba ba somolang tšhaka.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

2 Mi bagolu ba bathu botle, ba lico tsa Bayeserela cotle, ba ikemisa mo phuthegoñ ea bathu ba Morimo, eboñ ba linao ba mathousanda a for hundereda ba ba shomolañ caka.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

2 Ditlhogo tsa batho botlhe, e bong tsa ditso tsotlhe tsa Iseraele, tsa iponatsa mo phuthegong ya batho ba Modimo, ba le 400 000, e le batho ba dinao ba ba tshotseng ditšhaka.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Basiamisi 20:2
9 Iomraidhean Croise  

Mosadi a re: “Ke ka ntlha ya eng fa o sokamisetsa morafe wa Modimo ka tse di ntseng jalo? E re ka kgosi e buile lefoko le, e tshwana le yo o molato, ka go re kgosi e gana go busetsa molelekwa wa yona kwa gae.


Ke fa Joabe a neela kgosi palo ya batho ba ba badilweng. Baiseraele ba e leng banna ba batlhabani ba ba somolang tšhaka ba ne ba le dikete di le 800, mme banna ba Juta ba le dikete di le 500.


Mme e rile kgosi ya Moabe e bona tlhabano e e palela, ya tsaya banna ba le 700 ba ba somolang tšhaka nayo, ya re e ya go sutlha fa kgosing ya Etomo, mme ba palelwa.


Ya re Baiseraele ba utlwa jalo, phuthego yotlhe ya bone ya phuthegela kwa Silo gore ba ba bololele ka mephato.


Ya re ka letsatsi leo go balwa Babenyamene ba ba tswang kwa metseng, ya bo e le banna ba le 26 000 ba ba somolang tšhaka; baagi ba Gibea ba balwa ba le bosi, ya nna banna ba le 700 ba ba tlhaotsweng.


Le banna ba Iseraele ba balwa kwa ntle ga Babenyamene, e le banna ba le 400 000 ba ba somolang tšhaka, botlhe bao e le batlhabani.


Babenyamene ba ne ba utlwa gore Baiseraele ba tlhatlogetse kwa Mitsepha. Jaanong Baiseraele ba re: “Bolelang gore bosula joo bo dirafetse jang?”


Seba le Salemuna ba ne ba le kwa Karekore, ba na le mephato ya bone, e ka nna banna ba le 15 000; bone e le botlhe ba ba setseng ba mephato yotlhe ya ba kwa botlhabatsatsi. Gonne ba ba bolailweng e ne e le banna ba le 120 000 ba ba neng ba tshwere tšhaka.


Jaanong a ba bala kwa Beseke: Baiseraele ba le 300 000, banna ba Juta ba le 30 000.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan