Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Basiamisi 20:13 - Setswana 1970

13 Jaanong he, ntshang banna bao ba dikebeke ba ba mo Gibea gore re ba bolae, re tlose bosula mo Iseraeleng.” Mme Babenyamene ba gana go utlwa se se bolelwang ke Baiseraele bomorwa-rraabo.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

13 Ki gona yana entsañ banona ba, banona ba mañkholu ba ba mo Gibea, gore re ba bolaee, re tlose boshula mo Bayesereleñ. Mi Babenyamina ba gana go retsa koru ea ga bana ba bo‐rabo, bana ba Yeserele:

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

13 Jaana ntshang banna bao, ba diramatla ba ba mo Gibea, gore re tle re ba bolaye, re tlose bosula mo Iseraele. Mme boora Benjamine ba gana go reetsa lentswe la ba ga bone, bana ba Iseraele.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Basiamisi 20:13
30 Iomraidhean Croise  

Mme ka sebaka sa kgang eo go ne go le monna wa sesenyi teng, leina la gagwe e le Seba morwa Bigeri wa Mobenyamene. Ene a letsa lonaka a re: “Ga re na kabelo mo go Dafita, ga re na boswa mo go morwa Isai. A mongwe le mongwe a boele kwa lapeng la gagwe, lona Baiseraele!”


Mme disenyi tsotlhe di tshwana fela le mitlwa e e latlhwang; gonne ga e tshwarwe ka diatla.


Ke fa go tla banna ba babedi ba balotsana, ba nna fa pele ga gagwe; banna bao ba balotsana ba supa ka ga Nabothe fa pele ga morafe ba re: “Nabothe o hutsitse Modimo le kgosi.” Ba be ba mo ntshetsa kwa ntle ga motse, ba mo kgobotletsa ka majwe, a ba a swa.


Mme banna ba ba botlhofo ba disenyi ba phuthegela kwa go ene, ba ikgantsha, ba kgona Rehabeame morwa Salomo. Kana Rehabeame o ne a le mošwa, a le pelo e boi, a tlhoka thata fa pele ga bone.


Ya re a bua nae, Amasia a mo fetola a re: “O dirilwe ke mang mogakolodi wa kgosi? Didimala! Go seng jalo o tla itewa.” Ke fa moporofeti a didimala ka go re: “Ke lemoga gore Modimo o ikaeletse go go senya, ka o dirile jalo, mme o sa reetse kgakololo ya me.”


Mme Amasia a se ka a utlwa; gonne go ne go tswa mo Modimong go mo neela mo diatleng tsa ga Joase, ka ba ineetse mo medimong ya Baetomo.


Monna yo o gagamatsang molala, le fa a kgalemetswe gantsi, o tla pšhwetlakanngwa ka tshoganyetso, mme go se na thuso.


Tlosa tshwenyego mo pelong ya gago, o fapose botlhoko mo mmeleng wa gago. Gonne bokau le bošwa di fela ka pele.


“Wena Iseraele, o sa le o leofa go simolola malatsing a Gibea; ba ntse ba eme teng koo. Ntwa e basenyi ba bediwang ka yona, a ga e na go ba wela kwa Gibea?


Ba sentse mo go maswe jaaka mo malatsing a Gibea. Modimo o tla gopola molato wa bona, o ba watlhaela maleo a bona.


ba e reng ba ntse ba itse molao wa Modimo wa go re, bone ba ba dirang dilo tseo ba tshwanetswe ke loso, ba sa di direng fela, mme e bile ba itumelela ba bangwe ba ba di dirang.


Ba ba kwa ntle Modimo o tla ba atlhola. “Tlosang mosulafatsi yoo mo go lona!”


Mme Keresete a ka utlwana jang le Beliale? Kampo modumedi a ka tlhakanela eng le yo o sa dumeleng?


Banna ba disenyi ba dule mo go lona, ba faposa baagi ba motse wa ga bone ka go re: ‘A re yeng, re direle medimo e sele’ – e lo sa e itseng –


Mme moporofeti yoo gongwe molori wa toro yoo o tshwanetse go bolawa; gonne o buile tsa go ikepa mo Moreneng, Modimo wa lona, yo o lo ntshitseng kwa lefatsheng la Egepeto, a lo golola mo ntlong ya botlhanka. Gonne moporofeti yoo o lo faposa mo tseleng e Morena, Modimo wa lona, o e lo laetseng gore lo sepele mo go yona. Lo tlose bosula jalo mo gare ga lona.


“Fa morwa-rraago gongwe morwa-mmaago gongwe morwao gongwe morwadio gongwe mosadi yo ò mo ratang gongwe mongwe-ka-wena yo ò mo ratang jaaka o ithata, a go raela sephiring a re: ‘A re ye, re direle medimo e sele’ – e o sa e itseng le e seng borraeno,


Mme monna yo o dirang ka boitaolo, a sa utlwe moperesiti yo o emetseng go direla Morena, Modimo wa gago, teng gongwe moatlhodi, monna yoo o tshwanetse go swa. O tlose bosula jalo mo go Iseraele.


A diatla tsa basupi di mo tsholeletse majwe pele go mmolaya, mme morago ga moo diatla tsa morafe. O tlose bosula jalo mo gare ga gago.


gona lo mo direle ka fa a neng a ikaeletse ka teng go direla mongwe-ka-ene. O tlose bosula jalo mo go wena


Foo a banna botlhe ba motse wa ga gabo ba mo kgobotletse ka majwe gore a swe. O tlose bosula jalo mo go wena gore Baiseraele botlhe ba utlwe, ba boife.


a ba ntshe morweetsana kwa mojakong wa ntlo ya ga rraagwe, mme banna ba motse wa ga gabo ba mo kgobotletse ka majwe gore a swe, ka a dirile boatla mo go Iseraele ka go dira boaka mo ntlong ya ga rraagwe. O tlose bosula jalo mo go wena.


lo ba ntshe kwa kgorong ya motse oo ka bobedi jwa bone, lo ba kgobotletse ka majwe gore ba swe, morweetsana, ka a se ka a itlhabela mokgosi a le mo motseng, le monna, ka a sentse mosadi wa mongwe-ka-ene. O tlose bosula jalo mo go wena.


“E re fa mongwe a fitlhelwa a utswile motho wa ba ga gabo wa Baiseraele a mo tshola ka setlhogo gongwe a mo rekisa, a legodu leo le swe. O tlose bosula jalo mo go wena.


Ya re ba ntse ba itumedisa dipelo tsa bone, ga tla banna ba motse, banna ba dikebeke, ba dikanyetsa ntlo, ba itaya setswalo, ba raya monna mogolo mong wa ntlo, ba re: “Ntsha monna yo o tlileng mo ntlong ya gago gore re tle re mo senye.”


Mme ditso tsa Iseraele tsa roma banna kwa lotsong lotlhe lwa ga Benyamene, tsa re: “Ke bosula jo bo ntseng jang jo bo dirafetseng mo go lona?


Mme Babenyamene ba phuthegela kwa Gibea, ba tswa mo metseng ya bone gore ba bolole go tlhabana le Baiseraele.


Fa motho a leofela motho, moatlhodi o ka mo atlholela. Mme fa motho a leofela Morena, ke mang yo o ka mo emelang?” Mme ba se ka ba utlwa lentswe la ga rraabo; gonne Morena o ne a ikaeletse go ba bolaya.


Ke fa banna botlhe ba ba bosula ba ba pelompe mo banneng, ba ba neng ba ile le Dafita, ba bua ba re: “E re ka ba se ka ba ya le rona, ga re kitla re ba naya sepe sa thopo e re e busitseng, fa e se mongwe le mongwe mosadi wa gagwe le bana ba gagwe. A ba ba tsee, ba tsamae!”


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan