Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Basiamisi 20:1 - Setswana 1970

1 Ke fa Baiseraele botlhe ba bolola; phuthego ya phuthegela kwa Mitsepha fa pele ga Morena ka seopo se le sengwe go tswa kwa Dane go ya kwa Bereseba le ba lefatshe la Gileate.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

1 MI bana ba Yeserele ba bolola botle, mi phuthego ea phuthegela Yehova kua Mitsepa, yaka monona a le moñue, go simolola ka Dana le kua Bera‐sheba, le lehatsi ya Gileada.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

1 Foo bana ba Iseraele botlhe ba tswa, mme phuthego ya phuthega jaaka motho a le mongwe fela, go tswa Dane go ya fela kwa Beerešeba, le lefatshe la Gileate, ba phuthegela kwa go Jehofa kwa Misepa.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Basiamisi 20:1
35 Iomraidhean Croise  

Dafita a ithatisa banna botlhe ba Juta ka go bua jalo, ba nna seopo sengwe, ba roma kwa kgosing ba re: “Boa, wena le batlhanka botlhe ba gago.”


a mo dira kgosi ya Gileate le ya Baašure le ya Iserele le ya Eferaime le ya Benyamene le ya Iseraele yotlhe.


Ke fa kgosi e raya Joabe molaodi wa mephato yo o neng a na nayo e re: “A ko o ralale ditso tsotlhe tsa Iseraele go simolola kwa Dane go fitlha kwa Bereseba, lo bale morafe, ke tle ke itse palo ya one.”


ka go tlosa bogosi mo losikeng lwa ga Saule le ka go tlhomamisetsa Iseraele le Juta sedulo sa bogosi sa ga Dafita go tswa kwa Dane go ya go fitlha kwa Bereseba.”


Ke ka moo ke ikaeletseng go agela leina la Morena, Modimo wa me, ntlo jaaka Morena a reile rre Dafita a re: ‘Morwao yo ke tla mmayang mo sedulong sa bogosi sa gago boemong jwa gago ke ene yo o tla agelang leina la me ntlo.’


Jaanong e rile balaodi botlhe ba mephato, bone le mephato ya bone, ba utlwa gore kgosi ya Babele e laodisitse Ketalea lefatshe, ba tla kwa go Ketalea kwa Mitsepha, e bong Isemaele morwa Nethanya le Johanane morwa Karea le Seraya morwa Thanumethe wa kwa Netofa le Jaasanya morwa monna wa kwa Maaga, bone le mephato ya bone.


Ke fa Dafita a raya Joabe le dikgosana tsa morafe a re: “Yaang lo bale Baiseraele go tloga kwa Bereseba go fitlha kwa Dane, lo bo lo tle go mpegela gore ke itse palo ya bone.”


Ba be ba utlwana go tlhaba mokgosi mo Iseraeleng yotlhe go simolola kwa Bereseba go fitlha kwa Dane gore ba tle go direla Morena, Modimo wa Iseraele, Tlolaganyo kwa Jerusalema; gonne ba ne ba ise ba ke ba e dire ka bontsi jaaka go kwadilwe mo molaong.


E rile kgwedi ya bosupa e sena go atamela, Baiseraele ba ntse ba le mo metseng ya bone, morafe otlhe wa phuthegela kwa Jerusalema ka seopo sengwe.


le kwa Hasare-Šuale le kwa Bereseba le metsaneng ya teng


Jaanong ya re kgwedi ya bosupa e tla, Baiseraele ba ntse ba le mo metseng ya bone, morafe otlhe wa phuthega ka seopo sengwe kwa patlelong e e fa pele ga Kgoro ya Metsi. Ba feta ba raya Esera moitsedikwalo gore a tlise lokwalo lwa molao wa ga Moše o Morena o o laetseng Baiseraele.


Mme Jeremia a fitlha kwa go Ketalea, morwa Ahikame, kwa Mitsepha, a nna nae mo gare ga batho ba ba setseng mo lefatsheng.


Barubene le Bagate ba ne ba na le diruiwa tse dintsi thata thata. Jaanong ya re ba bona lefatshe la Jasere le lefatshe la Gileate, ba fitlhela golo foo e le felo ga diruiwa.


Ke fa Moše a naya Bamagire oora Manase naga ya Gileate, mme ba nna mo go yona.


le Dileane le Mitsepha le Jokethele


Le lotso lwa ga Manase lwa abelwa naga ka tengwa, gonne ene e ne e le morwa wa ntlha wa ga Josefa. Magire morwa wa ntlha wa ga Manase, rraagwe Gileate, a abelwa Gileate le Basane, ka a le mogale mo ntweng.


le Mitsepha le Kefira le Mosa


Ya re Baiseraele ba utlwa jalo, phuthego yotlhe ya bone ya phuthegela kwa Silo gore ba ba bololele ka mephato.


Ke fa Barubene le Bagate le ba bontlhanngwe jwa lotso lwa Manase ba tlogela Baiseraele kwa Silo yo o mo lefatsheng la Kanana, ba boela kwa lefatsheng la Gileate kwa lefatsheng la boswa jwa bone le ba agileng mo go lone ka fa taelong ya Morena ka Moše.


Ba fetela pele fa pele ga Morena go ya tlhabanong kwa nageng ya Jerigo, e ka nna banna ba mephato ba ba tshotseng marumo ba le 40 000.


Jaanong Baamone ba kuiwa, ba thibelela kwa Gileate. Le Baiseraele ba phuthega, ba thibelela kwa Mitsepha.


Jaanong Ifetha a ya le bagolo ba Gileate, mme morafe wa mo dira tlhogo le molaodi wa ona. Ifetha a ba a bolela mafoko aotlhe a gagwe fa pele ga Morena kwa Mitsepha.


Mme ya re Ifetha a goroga kwa Mitsepha mo lapeng la gagwe, a rakana le morwadie a tswa mo ntlong go mo kgatlhantsha ka meropana le dipina; mme e ne e le ngwana o esi, go se na ope yo o tsetsweng nae, mosimane kampo mosetsana.


Ba taya motse leina la Dane ka leina la ga Dane rraabo yo o belegetsweng Iseraele. Mme pele ga foo leina la motse oo e ne e le Laiše.


Jaanong banna botlhe ba Iseraele ba phuthegela motse oo wa Gibea, ba golagantswe ka maikutlo a le mangwe.


Jaanong Baiseraele ba tloga ba tlhatlogela kwa Bethele, ba botsa Modimo ba re: “Ke bomang mo go rona ba ba tshwanetseng go etelela pele le go simolola ntwa le Babenyamene?” Morena a re: “A go simolole Bajuta.”


Ga ikemisa ditlhogo tsotlhe tsa morafe le ditso tsotlhe tsa Iseraele mo pitsong ya morafe wa Modimo e le banna ba le 400 000 ba dinao ba ba somolang tšhaka.


Ke fa batlhabani botlhe ba Iseraele ba tlhatlogela kwa Bethele, ba nnela go lela teng fa pele ga Morena, ba itima dijo ka letsatsi leo go ya mantsiboeng, ba direla Morena ditlhabelo tsa phiso le tsa tebogo.


Ke fa morafe otlhe o ema ka bongwefela o re: “A go se nne ope wa rona yo o boelang kwa tenteng ya gagwe le e seng ope wa rona yo o fapogelang kwa ntlong ya gagwe.


Jaanong Baiseraele ba botsa ba re: “Ke mang mo ditsong tsotlhe tsa Iseraele yo o se kang a tla mo pitsong kwa Moreneng?” Gonne go ne go dirilwe maikano a magolo a gore, yo o sa tleng kwa Moreneng kwa Mitsepha, ruri o tla bolawa.


Jaanong Samuele a biletsa morafe kwa Moreneng kwa Mitsepha,


Baiseraele botlhe go tswa kwa Dane go fitlha kwa Bereseba ba lemoga gore Samuele ke moporofeti yo o ikanyegang wa Morena.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan