Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Basiamisi 2:22 - Setswana 1970

22 gore ke tle ke leke Baiseraele ka tsona, ke bone gore a ba tla tlhokomela ditsela tsa Morena go sepela mo go tsona jaaka borraabo ba di tlhokometse gongwe nnyaya.”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

22 Gore ki leke Bayeserela ka eona, ha ba tla tsegetsa tsela ea ga Yehova go sepela go eona, yaka bo‐rabo ba le ba e tsegetsa, khotsa nya.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

22 gore ke tle ke leke Iseraele ka yone, boo ba tlaa tshegetsa tsela ya Jehofa go sepela mo go yone, jaaka borraabo ba ne ba e tshegetsa, kgotsa nnyaa.”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Basiamisi 2:22
12 Iomraidhean Croise  

E rile morago ga ditirafalo tse, Modimo wa leka Aborahame, wa mo raya wa re: “Aborahame!” A araba a re: “Ke fano.”


Le gona o ne a ntse jalo, fa barongwi ba babusi ba Babele ba tla ba romilwe kwa go ene go botsolotsa ka ga sesupo se se gakgamatsang se se dirafetseng mo lefatsheng; ke fa Modimo o mo tlogela fela go mo leka gore o itse tsotlhe tse di leng mo pelong ya gagwe.


Gonne Modimo o itse tsamao ya me; fa o ka nteka, ke tla tswa jaaka gouta.


gonne wena, Modimo, o re lekile, wa re itshekisa, jaaka go itshekisiwa selefera.


Jaanong ya re ene a goela kwa Moreneng, Morena a mo supetsa setlhatshana sengwe; ya re a sena go se latlhela mo metsing, metsi a nna monate. Gona foo a ba beela melao le dikaelo, foo a ba leka


Selefera e itshekisiwa mo pitseng e e tlhaolosang le gouta mo leisong la moubo, mme Morena o leka dipelo jalo.


gona lo se ka lwa utlwa mafoko a moporofeti yoo gongwe molori wa toro yoo; gonne Morena, Modimo wa lona, o a lo leka go itse gore, a lo rata Morena Modimo wa lona ka pelo yotlhe le ka mowa otlhe.


yo o neng a go jesa Mmana mo sekakeng, o borraeno ba neng ba sa o itse gore a go kokobetse le go go leka gore a tle a go direle tse di molemo kwa bofelong.


Gopola tsela yotlhe e Morena, Modimo wa gago, o go tsamaisitseng mo go yona dinyaga tse di 40 kwa sekakeng gore a tle a go kokobetse, a go leke, a itse tse di mo pelong ya gago gore a o tla tlhokomela ditaolo tsa gagwe gongwe nnyaya.


Morena a sadisa ditšhaba tseo jalo, a se ka a di leleka ka pele le e seng go di neela mo diatleng tsa ga Jošua.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan