Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Basiamisi 2:21 - Setswana 1970

21 le nna ga nkitla ke tlhola ke leleka ope fa pele ga bone wa ditšhaba tse Jošua o neng a di tlogela, jale fa a swa

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

21 Le ’na ga ’nkitla ki hela ki leleka ope ha pele ga bona, oa merahe e erileñ Yehoshue a shua a e tlogela:

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

21 le nna, ga nketla ke tlhola ke leleka fa pele ga bone ope wa merafe e e rileng Jošua a a swa a e tlogela;

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Basiamisi 2:21
8 Iomraidhean Croise  

Ka gonne ba ne ba sa dire ka fa melaong ya me, ba nyatsa ditaolo tsa me, ba itshepolola boSabata ba me; matlho a bone a latela medimo e e maila ya borraabo.


foo itsetseng ruri gore Morena, Modimo wa lona, ga a kitla a tlhola a leleka ditšhaba tse fa pele ga lona, mme di tla lo fetogela serai le thaelo le thupa e e itayang ditlhakore tsa lona le mitlwa mo matlhong a lona go ya go fitlhelela lo latlhega, lo ntshiwa mo lefatsheng le le molemo le, le Morena, Modimo wa lona, o le lo neileng.


Bonang, ditšhaba tse di setseng tse ke di lo abetse ka tengwa, lotso longwe le longwe lwa abelwa boswa jwa lone mmogo le ditšhaba tsotlhe tse ke di nyeleditseng go simolola kwa Joretane go ya go fitlha kwa lewatleng le legolo ntlheng ya bophirimatsatsi.


Mme Morena, Modimo wa lona, ka osi o tla ba tshabisa fa pele ga lona, o ba leleka gore ba falale fa pele ga lona; lo tla rua lefatshe la bone jaaka Morena, Modimo wa lona, o lo solofeditse.


E rile morago ga loso lwa ga Jošua Baiseraele ba botsa Morena ba re: “Ke mang mo go rona yo o tshwanetseng go bololela Bakanana pele go tlhabana nabo?”


Ke ka moo le nna ke reng: Ga nkitla ke ba leleka fa pele ga lona gore ba lo bogise, mme medimo ya bone e nne thaelo mo go lona.”


Mme ditšhaba tse Morena o neng a di sadisa gore ka tsona a leke Baiseraele botlhe ba ba neng ba sa itse dintwa tsotlhe tsa Kanana, ke tse:


Ke dikgosi tse tlhano tsa Bafelesita le Bakanana le Basitone le Bahewi botlhe ba ba neng ba agile kwa dithabeng tsa Lebanone go tswa thabeng ya Baale-Heremone go ya go fitlha kwa Hamathe.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan