Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Basiamisi 2:2 - Setswana 1970

2 Ka re: ‘Lona lo se ka lwa dira kgolagano le baagi ba lefatshe le, mme lo dige dialetare tsa bone,’ mme lwa se ka lwa utlwa lentswe la me. Ke eng se lo se dirileng?

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

2 Mi lo si rihe kholagano le banni ba hatsi ye: lo rutle lialetara tsa bona: mi ga loa akela koru ea me: Lo lo rihelañ yalo?

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

2 ka ba ka re, ‘lo se ka lwa dira kgolagano epe le banni ba lefatshe leno; lo rutle dibeso tsa bone;’ mme ga lo a ka lwa reetsa lentswe la me; ana lo dirile jalo ka ntlha yang?

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Basiamisi 2:2
29 Iomraidhean Croise  

Ke fa Farao a bitsa Aborame a re: “Ke eng se o se ntiretseng? Ke ka ntlha ya eng fa o sa mpolelela gore ke mosadi wa gago?


Mme Morena a re: “O dirileng? Lentswe la madi a ga monnao le ntlhaeletsa, le tswa mo mmung.


Moše a ba a botsa Arone a re: “Morafe o, o go dirileng, mo o bileng o o leofisitse mo go kana?”


Jaanong go ya kwa Egepeto le go nwa metsi a Nile go go thusa eng? Go ya kwa Asiria le go nwa metsi a Ferathe go go thusa eng?


Ke ka ntlhaang, fa o fetola tsela ya gago ka botlhofo fela? Egepeto le ene o tla go tlhabisa ditlhong jaaka Asiria a go tlhabisitse ditlhong.


Morena o bua jaana a re: “Borraeno ba ne ba bonye molato ofe mo go nna, fa ba nkatoga, ba latela medimo ya boithamako, mme ba fetoga boithamako ka bosi?


O tla nyeletsa merafe yotlhe e Morena, Modimo wa gago, o tla e go neelang. A leitlho la gago le se ka la ba rekegela. O se ka wa direla medimo ya bone; gonne moo e ka nna seru mo go wena.


a le mo kgabong ya molelo, a busolosa bone ba ba sa itseng Modimo, e bong bone ba ba sa utlweng Efangele ya ga Jesu Morena wa rona.


Mme banna ba Iseraele ba raya Bahewi bao ba re: “Ka gongwe lo ntse lo agile mo gare ga rona. Re ka dira jang kgolagano le lona?”


Gonne ke nako ya gore tshekiso e simologe mo ntlong ya Modimo. Mme fa e simologa mo go rona, bokhutlo jwa bone ba ba sa dumeleng Efangele ya Modimo e tla nna eng?


Ka moo Morena a tukela Baiseraele bogale a re: “E re ka setšhaba se, se tlodile kgolagano ya me e ke e laetseng borraabo, sa se ka sa utlwa lentswe la me,


Ka lo raya ka re, ke nna Morena, Modimo wa lona. Se boifeng medimo ya Baamori ba lo agileng mo lefatsheng la bone. Mme lwa se ka lwa utlwa lentswe la me.’ ”


Morena a roma monna wa moporofeti kwa Baiseraeleng; ene a ba raya a re: “Morena, Modimo wa Iseraele, o bua jaana a re: ‘Ke lo ntshitse kwa Egepeto, ka lo ntsha mo ntlong ya botlhanka,


Jaanong Giteone a dira khiba ya boperesiti ka tsona, a e lepeletsa mo Ofera motseng wa ga gabo, mme Baiseraele botlhe ba dira boaka teng ka go e obamela jaaka modimo wa seseto; ya nna serai jalo mo go Giteone le mo go ba lapa la gagwe.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan