Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Basiamisi 2:19 - Setswana 1970

19 Fela e ne ya re fa moatlhodi a swa, ba boele kwa morago, ba senye bogolo go borraabo ka go latela medimo e sele, ba e direle, ba e obamele. Ba se ke ba tlogele sepe sa ditiro tsa bone le sa tsamao ya bone ya botlhogoethata.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

19 Mi ga rihala mosiamisi a sina shua, ba boea ba iporisa bogolu go bagolu ba bona, ka go latela merimo e sele go e rihela, le go e ikobela; ba si ka ba lesa sepe sa tiho tsa bona, le sa tsela e e thata ea bona.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

19 Mme e re moatlhodi a sule, ba boele kwa morago, ba dire boleo bogolo go borraabo, ka go latela medimo e sele go e direla, le go e ikobela; ga ba a ka ba bakela ditiro tsa bone, le fa e le mokgwa wa bone wa botlhogoethata.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Basiamisi 2:19
20 Iomraidhean Croise  

Lefatshe la bo le senyegile fa pele ga Modimo; lefatshe le tletse boithatelo jo bo setlhogo.


Mme e ne ya re ba ikhutsa, ba boele go dira tse di bosula gape fa pele ga gago, mme o ba tlogele ba le mo diatleng tsa baba ba bone, mme ba ba gatelele; jaanong ba ne ba tle ba lelele kwa go wena gape, mme o ba utlwe o le kwa legodimong, o ba namolele gangwe le gape ka fa boutlwelong-botlhoko jwa gago.


gore ba se nne jaaka borraabo ba e neng e le losika lo lo tlhogo-e-thata lwa borukhutlhi, losika lo lo tlhokang pelo ya tlhomamo le mowa o o lebileng Modimo ka boikanyo.


Ke fa Morena a raya Moše a re: “Yaa o fologe, gonne morafe wa gago o ò o ntshitseng kwa lefatsheng la Egepeto o sentse.


Mme lona lo dirile bosula bogolo go borraeno. Bonang, mongwe le mongwe o latela pelo e e bosula ya gagwe e e thatafetseng, lo sa nkutlwe.


Ba ntse ba raya ba ba nnyatsang ba re: ‘Morena a re: Kagiso e tla nna le lona;’ ba raya botlhe ba ba sepelang mo thatafalong ya dipelo tsa bone ba re: ‘Ga go na kotsi e e ka lo welang.’ ”


Ka sebaka seo Jerusalema o tla bidiwa ‘Sedulo sa bogosi sa Morena’. Ditšhaba tsotlhe di tla phuthegela teng kwa Jerusalema ka ntlha ya leina la Morena, di sa tlhole di latela bogwadi jwa dipelo tse di bosula tsa bone.


“Ka moo he, raya Baiseraele ò re: ‘Morena Modimo o botsa jaana o a re: A lo ikgotlela ka mekgwa ya borraeno? A lo akafala ka go latela maila a medimo ya bone?


Le lona, tlatsang seelo sa borraeno!


Gonne ke itse gore, morago ga loso lwa me lo tla senya bogolo, lo fapoga tsela e ke e lo laetseng. Ka moo lo tla wela mo tatlhegong ka malatsi a bofelo, ka lo tla dira tse di bosula mo matlhong a Morena; mme lo tla mo gakatsa ka tiro ya diatla tsa lona.”


Baiseraele ba ne ba direla Morena ka malatsi otlhe a ga Jošua le ka malatsi otlhe a bagolo ba ba neng ba phela sebaka se seleele sehularong sa ga Jošua, e le ba ba itseng ditiro tsotlhe tsa Morena tse o di diretseng Baiseraele.


Mme lona lo ntlogetse, lwa direla medimo e sele; ke ka moo ke sa ka keng ka tlhola ke lo thusa.


Mme e ne ya re fa Morena a ba tsosetsa baatlhodi, Morena a nne le baatlhodi, a ba golole mo diatleng tsa baba ba bone ka malatsi aotlhe a moatlhodi. Ka gonne Morena o ne a ba tlhomogela pelo, fa ba ledisiwa ke ba ba ba pitlaganyang, ba ba gatelela.


Ka moo Morena a tukela Baiseraele bogale a re: “E re ka setšhaba se, se tlodile kgolagano ya me e ke e laetseng borraabo, sa se ka sa utlwa lentswe la me,


Morafe wa direla Morena ka malatsi otlhe a ga Jošua le ka malatsi otlhe a bagolo ba ba neng ba phela sebaka se seleele sehularong sa ga Jošua ba ba bonyeng ditiro tse dikgolo tsotlhe tsa Morena tse o di diretseng Baiseraele.


Mme e rile Ehute a sena go swa, Baiseraele ba boela gape go dira tse di bosula mo matlhong a Morena.


Mme ya re fela Giteone a sena go swa, Baiseraele ba boela kwa morago, ba dira boaka ka go latela boBaale, ba ipeela Baale-wa-kgolagano go nna modimo wa bone.


Gonne go sa utlweng ke boleo jwa boloi; go ganetsa ke go ikepela medimong e sele. E re ka o latlhile Lefoko la Morena le ene o go latlhile gore o se tlhole o nna kgosi.”


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan