Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Basiamisi 2:18 - Setswana 1970

18 Mme e ne ya re fa Morena a ba tsosetsa baatlhodi, Morena a nne le baatlhodi, a ba golole mo diatleng tsa baba ba bone ka malatsi aotlhe a moatlhodi. Ka gonne Morena o ne a ba tlhomogela pelo, fa ba ledisiwa ke ba ba ba pitlaganyang, ba ba gatelela.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

18 Mi erile Yehova a ba cosetsa basiamisi, Yehova a na le mosiamisi, a ba golola mo atleñ tsa baba ba bona, metleñ ea mosiamisi eotle: gone Yehova a ikuatlaela liconelo tsa bona, tse li leñ ka eintla ea bona ba ba ba patikañ ba ba khorometsa.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

18 E ne e re Jehofa a ba tsosetsa baatlhodi, foo Jehofa a nne le moatlhodi, a ba golole mo seatleng sa baba ba bone ka malatsi otlhe a moatlhodi yoo; gonne Jehofa o ne a ikwatlhaya ka ntlha ya go ona ga bone, ka ba onisiwa ke ba ba ba patikang ba ba tshwenya.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Basiamisi 2:18
22 Iomraidhean Croise  

ke fa Morena a ikwatlhaya, ka a dirile batho mo lefatsheng, a hutsafala mo pelong ya gagwe.


Mme Joahase a kopa bopelotlhomogi fa pele ga Morena, mme Morena a mo utlwa. Gonne o ne a bona pitlagano ya Baiseraele, ka kgosi ya Siria e ba pitlaganya.


bona ba ba reng: “Re thata ka diteme tsa rona, re na le melomo ya rona; mmusi yo o re laolang ke mang?”


Boa, Morena! Go tla nna goleele go le kae? O utlwele batlhanka ba gago botlhoko.


Modimo wa utlwa diphegelo tsa bone, wa gopola kgolagano ya ona e o e dirileng le Aborahame le Isaka le Jakobe.


Modimo wa re: “Kana ke tla nna nao. Mme sesupo sa gore ke go romile ke se: E tla re o sena go ntsha morafe oo mo Egepeto, lo direle Modimo mo thabeng e.”


Ke fa Morena a busa pelo, a sa bolae morafe wa gagwe jaaka a ne a o bopetse.


“Nka go latlha jang, Eferaime? Nka go tlogela jang, Iseraele? Nka go dira jang jaaka Atema? Nka go senya jang jaaka Seboime? Ke tlhomoga pelo, ke go utlwela botlhoko thata.


Jaanong ya re Modimo o bona ditiro tsa bona tsa go boa mo ditseleng tse di bosula tsa bone, Modimo wa ithibela mo petsong e o neng o ikaeletse go e ba direla mme wa se ka wa e dirafatsa.


Mme e re fa lo tsena mo ntweng lo le mo lefatsheng la lona go tlhabana le mmaba yo o lo pitlaganyang, lo letse diphala thata; foo lo tla gopolwa fa pele ga Morena, Modimo wa lona, mme lo tla namolelwa mo babeng ba lona.


Gonne Morena o tla direla morafe wa gagwe tshiamo, a utlwela batlhanka ba gagwe botlhoko. Gonne o tla bona, fa thata e feleletse, fa go feleletse yo o bofegileng le yo o gololesegileng.


Ga go na ope yo o tla kgonang go emelana nao ka malatsi otlhe a bophelo jwa gago. Ke tla nna nao jaaka ke ne ke na le Moše. Ga nkitla ke go nyemisa moko le e seng go go tlogela.


Le gona ba tlosa medimo e sele mo gare ga bona, ba direla Morena. Ke fa a tlhomoga pelo ka ntlha ya pogisego ya Baiseraele.


Ifetha a fetela jalo kwa go Baamone go tlhabana nabo, mme Morena a ba neela mo diatleng tsa gagwe.


Fela e ne ya re fa moatlhodi a swa, ba boele kwa morago, ba senye bogolo go borraabo ka go latela medimo e sele, ba e direle, ba e obamele. Ba se ke ba tlogele sepe sa ditiro tsa bone le sa tsamao ya bone ya botlhogoethata.


Mme ya re Baiseraele ba lelela Moreneng, a ba tsosetsa mogolodi yo o neng a ba golola, e bong Otheniele, morwa Kenase, monnaa Kalebe.


Jaanong moengele wa Morena a iponatsa mo go ene, a mo raya a re: “Morena o na nao, wena mogale yo mogolo.”


Mme Morena a mo raya a re: “Ruri ke tla nna nao, mme o tla fenya Bamidiane jaaka e kete ke monna a le mongwe fela.”


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan