Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Basiamisi 2:16 - Setswana 1970

16 Morena a ba tsosetse baatlhodi, ba ba golole mo diatleng tsa bathukhuthi ba bone.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

16 ¶ Mi Yehova a cosa basiamisi, ba ba ba gololañ mo atleñ tsa bona ba ba ba thopañ.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

16 Jehofa o ne a tle a tsose baatlhodi, ba ba ba gololang mo diatleng tsa ba ba ba thukhuthang.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Basiamisi 2:16
14 Iomraidhean Croise  

le jaaka mo metlheng ya basiamisi ba ba neng ba busa morafe wa me wa Iseraele. Mme ke tla go ikhutsisa mo babeng botlhe ba gago. Jaanong Morena o go itsise gore o tla go direla ntlo.


Ke ka moo o neng wa ba neela mo diatleng tsa baba ba bone, mme ba ba pitlaganya; mme e ne ya re ka sebaka sa tlalelo ya bone, fa ba lelela kwa go wena, o ba utlwe o le kwa legodimong, mme ka fa boutlwelong-botlhoko jo bogolo jwa gago o ba neele bagolodi; ba ba golole mo diatleng tsa baba ba bone.


Morago ga dilo tseo dinyageng tse e ka nnang di le 450 wa ba naya baatlhodi go tla go fitlha mo go Samuele moporofeti.


Sehularong sa ga Abimelege ga tsoga Thola morwa Phua morwa Doto, monna wa lotso lwa ga Isašare, go thusa Iseraele. O ne a agile mo motseng wa Samire kwa dithabeng tsa Eferaime.


Ifetha a fetela jalo kwa go Baamone go tlhabana nabo, mme Morena a ba neela mo diatleng tsa gagwe.


Mme ya re Baiseraele ba lelela Moreneng a ba tsosetsa gape mopholosi, e bong Ehute, morwa Gera wa Mobenyamene, monna yo o molema. Baiseraele ba ne ba romela lekgetho kwa go Egelone kgosi ya Moabe ka ene.


Morago ga gagwe ga bo go le Samegare morwa Anathe yo o neng a bolaya banna ba le 600 ba Bafelesita ka lešwane la dipholo. Le ene a golola Baiseraele jalo.


O ne a nna fa tlase ga Mokolane wa ga Debora fa gare ga Rama le Bethele mo dithabeng tsa Eferaime, mme Baiseraele ba ntse ba ya kwa go ene, ba batla go sekwa.


Mme Morena a retologela kwa go ene a re: “Yaa ka thata e ya gago, o pholose Baiseraele mo diatleng tsa Bamidiane! Kana o rongwa ke nna.”


E rile ka malatsi a puso ya baatlhodi ga nna tlala mo lefatsheng. Ke fa monna mongwe wa kwa Betleheme wa Juta a ya go jaka kwa nageng ya Moabe, ene le mosadi wa gagwe le bomorwawe ka bobedi.


Mme Morena a roma Jerubaale le Barake le Ifetha le Samuele, a lo golola mo diatleng tsa baba ba lona tikologong, lwa ba lwa aga lo iketlile.


A itshupa a le pelokgale, a fenya Baamaleke, a namolela Baiseraele mo diatleng tsa yo o ba thukhuthang.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan