Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Basiamisi 2:14 - Setswana 1970

14 Morena a tukele Baiseraele bogale, a ba neele mo diatleng tsa bathukhuthi, ba ba thukhuthe dilo, a ba rekise mo diatleng tsa baba ba bone tikologong, mo ba neng ba sa tlhole ba kgona go emelana le baba ba bone.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

14 Mi bogale yoa ga Yehova yoa tukela Bayeserela, mi a ba tsenya mo atleñ tsa bathopi ba ba ba thopañ, mi a ba bapatsa mo atleñ tsa baba ba bona ba ba tikologoñ; mi ba si ka ba tlola ba nonoha go ema ha pele ga baba ba bona.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

14 Bogale jwa ga Jehofa jwa tukela Iseraele, a ba tsenya mo diatleng tsa bathukhuthi ba ba ba thukhuthang, a ba rekisetsa mo diatleng tsa baba ba bone tikologong, mme ba ne ba sa tlhole ba nonofela go ema fa pele ga baba ba bone.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Basiamisi 2:14
35 Iomraidhean Croise  

Ka moo Morena a latlha losika lotlhe lwa Baiseraele, a ba kokobetsa, a ba neela mo diatleng tsa bathukhuthi ga tsamaya a ba leleka fa pele ga gagwe.


Mmaba a le mongwe o ka khutšhela jang ba le sekete? Ba le babedi ba ka leleka jang ba le 10 000? Kana ke go re, Lefika la bone le ba rekisitse, Morena o ba latlhile.


Ke fa bogale jwa Morena bo tukela Baiseraele, mme a ba rekisa mo diatleng tsa Bafelesita le tsa Baamone.


Ke fa Morena a ba rekisa mo diatleng tsa ga Jabine kgosi ya Bakanana, yo mošate wa gagwe e neng e le Hasore. Molaodi wa mephato ya gagwe e ne e le Sisera yo o neng a agile kwa Harošethe wa baheitane.


Ba tla welana godimo jaaka e kete ba tshaba tšhaka go se na yo o ba lelekang. Ga lo kitla lo kgona go emelana le baba ba lona.


Mme ba nna ba sotla barongwi ba Modimo, ba nyatsa mafoko a ona, ba kgoba baporofeti ba ona ga tsamaya bogale jwa Morena jwa tsogela morafe wa gagwe go fitlha mo go se nang kalafo.


Mme le fa lo ka fenya mephato yotlhe ya batlhabani ba Bakalatea ba ba tlhabanang le lona, ga sala banna ba ba khutlegileng fela, ba tla tsoga, mongwe le mongwe mo tenteng ya gagwe, ba fisa motse o ka molelo.”


Morena o bua jaana a re: “Lokwalo lwa tlhalo la ga mmaeno lo kae, lwa ke mo tlhadileng ka lone? Gongwe ke molato le mang, yo ke lo rekisitseng mo go ene? Bonang, lo rekisitswe ka ntlha ya melato ya lona. Mmaalona o tlhadilwe ka ntlha ya maleo a lona.


O re abetse go tlhajwa jaaka dinku; o re faladitse mo merafeng.


Metlheng eo ba ba bololang le ba ba gorogang ba tlhoke kagiso; gonne ditherego tse dikgolo di ne di imela baagi botlhe ba mafatshe.


Mme Baamori ba ne ba patikelela Badane kwa dithabeng, gonne ba ne ba sa ba dumelele go fologela kwa lebaleng.


Mme Morena a bo a na le Bajuta, mo ba bileng ba thopa dithaba; gonne ba ne ba sa kgone go leleka baagi ba naga e e kwa tlase, ka bone ba na le dikoloi tsa ntwa tsa tshipi.


“E tla re fa o sa tlhokomele go dira ka fa mafokong otlhe a molao o a a kwadilweng mo lokwalong lo, le go boifa leina le le tlotlegang, le le boitshegang le, e bong la Morena, Modimo wa gago,


“Morena o tla dira gore o fenngwe ke baba ba gago. O tla ba bololela ka tsela e le nngwe, mme o tla ba tshaba ka ditsela di supa. Magosi otlhe a lefatshe a tla go sisimoga.


“Morena o tla go romela khutso le tseano le madimabe mo go tsotlhe tse seatla sa gago se di simololang, tse o di dirang, go ya o be o nyelediwe, go ya o latlhege ka pele ka ntlha ya bosula jwa ditiro tsa gago, ka o ntlogetse.


“Jaanong lona lo tsogile lo le mo boemong jwa borraalona, lo le bana ba baleofi; jaanong lo rata go okeletsa Baiseraele bogale jo bo tukang jwa Morena gape.


gona le nna ke tla emelana le lona ka bogale, ke lo betsa gasupa ka ntlha ya dibe tsa lona.


Ka moo Morena a tukela Baiseraele bogale a re: “E re ka setšhaba se, se tlodile kgolagano ya me e ke e laetseng borraabo, sa se ka sa utlwa lentswe la me,


Fela Baiseraele ba boela gape go dira tse di bosula mo matlhong a Morena. Ke fa Morena a tiisa Egelone kgosi ya Moabe gore a ba bogise; ka gonne ba ne ba dira tse di bosula mo matlhong a Morena.


le jaaka mo metlheng ya basiamisi ba ba neng ba busa morafe wa me wa Iseraele. Mme ke tla go ikhutsisa mo babeng botlhe ba gago. Jaanong Morena o go itsise gore o tla go direla ntlo.


Ke fa Morena a tukela Baiseraele bogale a ba neela mo diatleng tsa ga Hasaele kgosi ya Siria le mo diatleng tsa ga Benehatate morwa Hasaele ka metlha yotlhe ele.


Ke ka moo o neng wa ba neela mo diatleng tsa baba ba bone, mme ba ba pitlaganya; mme e ne ya re ka sebaka sa tlalelo ya bone, fa ba lelela kwa go wena, o ba utlwe o le kwa legodimong, mme ka fa boutlwelong-botlhoko jo bogolo jwa gago o ba neele bagolodi; ba ba golole mo diatleng tsa baba ba bone.


Ke tla lo bifela, mme lo tla fenngwa ke baba ba lona; ba ba lo tlhoileng ba tla lo laola; lo tla tshaba, go se na ope yo o lo kobang.


Morena a ba a tukela Baiseraele bogale, a ba kgarakgatsha kwa sekakeng dinyaga di le 40 ga tsamaya losika lotlhe lo lo dirileng bosula mo matlhong a Morena lwa ba lwa felelela.


fa lo ka senya kgolagano ya Morena, Modimo wa lona, e o e lo laetseng lwa ya lwa direla medimo e sele lwa e obamela; foo bogale jwa Morena bo tla lo tukela, mme lo tla latlhega ka pele, lo tlosiwa mo lefatsheng le le molemo le o le lo neileng.”


Morena o kile a tukela Baiseraele bogale gape, a tlhotlheletsa Dafita go ba senyetsa a re: “Yaa o bale Baiseraele le Bajuta.”


Ke fa Morena, Modimo wa gagwe, a mo neela mo diatleng tsa kgosi ya Basiria, ba mo fenya ba thopa ba bantsi ba ga gabo, ba ba isa botshwarong kwa Damaseko. Le gona a neelwa mo diatleng tsa kgosi ya Iseraele, ya mo fenya ya nna polao e kgolo,


O re katisa ka morago fa pele ga mmaba, mme ba ba re tlhoileng ba thopa di-tsa-rona.


Ke mang yo o neetseng Jakobe go thopiwa, a neela Iseraele mo dinokwaneng? A ga se Morena yo re mo leofetseng; yo ba neng ba sa rate go sepela mo ditseleng tsa gagwe, yo ba ganneng go utlwa molao wa gagwe?


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan