Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Basiamisi 2:11 - Setswana 1970

11 Ke fa Baiseraele ba dira tse di bosula mo matlhong a Morena, ba direla boBaale,

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

11 ¶ Mi bana ba Yeserele ba shulatsa mo maitloñ a Yehova, ba rihela Bobaala:

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

11 Bana ba Iseraele ba dira se se bosula mo matlhong a ga Jehofa, ba direla Bobaale.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Basiamisi 2:11
34 Iomraidhean Croise  

Mme banna ba Sotoma ba bo ba le bosula, ba leofela Morena thata.


Mme Ere, morwa Juta yo mogolo, o ne a le bosula mo matlhong a Morena. Ka moo Morena a mo tlogela, a swa.


Salomo a sala Ašethorethe modimo wa sesadi wa Basitone morago, a ba a latela Milekome maila a Baamone.


Mme Elia a re: “Ga se nna yo ke senyetsang Baiseraele, mme ke wena le ba lapa la ga rraago; ka go re lo tlogetse ditaolo tsa Morena, lwa sala boBaale morago.


A dira tse di bosula mo matlhong a Morena, a sepela mo tseleng ya ga rraagwe le mo tseleng ya ga mmaagwe le mo tseleng ya ga Jerobeame morwa Nebate yo o neng a leofisa Baiseraele.


Mme a sepela mo ditseleng tsa dikgosi tsa Iseraele. Le gona a direla boBaale ditshwantsho tse di bopilweng.


A fisa maswalo ka esi mo mogorogorong wa Morwa-Hinome, a ba a fisa bomorwawe ka molelo jaaka e ne e le maila a a boitshegang a baheitane, ba Morena o neng a ba lelekile fa pele ga Baiseraele.


Ke ene yo o neng a ralatsa bomorwawe molelo kwa mogorogorong wa Morwa-Hinome, a dira tsa mereo ya boloi le tsa botlhodi le tsa neelelo, a tlhoma ba ba buang le baswi le baitseanape; a dira tse dintsi tse di bosula mo matlhong a Morena go mo gakatsa.


Oora Asekate ke Johanane, morwa Hakatane, a na le banna ba le 110.


“Mme ba go ganetsa, ba go tlogela, ba latlha molao wa gago, ba o hularela, ba bolaya baporofeti ba gago ba ba neng ba ba tlhagisa go ba tlhabololela kwa go wena; ba dira tsa dikgalo tse dikgolo.


Mme bona ba ne ba leka Modimo, Mogodimodimo, ba o rukhutlhegela, ba sa tlhokomele ditshupo tsa ona.


Ba boetse kwa melatong ya borraabo ba pele, ba ba ganneng go utlwa mafoko a me. Le bone ba setse medimo e sele morago gore ba e direle. Baiseraele le Bajuta ba robile kgolagano ya me e ke e dirileng le borraabo.”


foo o ba arabe o re: ‘Ke ka gore borraeno ba ntlogetse, go bua Morena, ba sala medimo e sele morago, ba e direla, ba e obamela, mme nna, ba ntlogela, ba se ka ba tshegetsa molao wa me.


“Gonne ga o bolo go roba joko ya gago le go kgaola dikgole tsa gago wa re: ‘Ga ke rate go go direla.’ Gonne o ntse o ithobatsa fatshe o le seaka mo dithabaneng tsotlhe tse di godimo le fa tlase ga setlhare sengwe le sengwe se setala.


“O ka bua jang o a re: ‘Ga ke a itshekologa, ga ke a latela boBaale’? Bona tsela ya gago mo mogorogorong, ipone se o se dirileng! O kammele e namagadi e e lemaletseng e e tlolaganyang ditsela tsa yona.


Ba tsenye mo go lone, ba le rua, mme ba sa utlwe lentswe la gago, ba sa sepele ka fa molaong wa gago, ba sa dire sepe sa dilo tse o di ba laetseng gore ba di dire. Ke ka moo o ba digetseng mo tatlhegong yotlhe e.


mme ba latela dipelo tsa bone tse di thatafetseng, le boBaale ba ba ba tlwaeditsweng ke borraabo.”


Jaanong ya re Baiseraele ba ineela Baale-Pheore jalo, Morena a ba tukela bogale.


Morena a raya Moše a re: “Bona, o tla robala le borraago, mme morafe o, o tla sala o dira boaka ka go latela medimo e sele ya lefatshe le o tla tsenang mo go lone; teng o tla ntlogela, o senya kgolagano ya me e ke e dirileng nabo.


“Fa e ka re lo se na go tsala bana, le bana ba bana, lo se na go tlwaela mo lefatsheng lwa senya, lwa dira setshwantsho sa modimo, le fa e le sa sebopego sefe, lwa dira tse di bosula mo matlhong a Morena, Modimo wa lona, go mo gakatsa,


Ke fa Baiseraele ba lelela Moreneng ba re: “Re go leofetse; gonne re go tlogetse, Modimo wa rona, ra direla boBaale.”


Mme Baiseraele ba fela ba dira tse di bosula mo matlhong a Morena, ba direla boBaale le boAšethorethe le medimo ya Siria le ya Sitone le ya Moabe le ya Baamone le ya Bafelesita; ba tlogela Morena, ba se ka ba mo direla.


Mme Baiseraele ba fela ba dira tse di bosula mo matlhong a Morena. Ke fa Morena a ba neela mo diatleng tsa Bafelesita dinyaga di le 40.


Fela Baiseraele ba boela gape go dira tse di bosula mo matlhong a Morena. Ke fa Morena a tiisa Egelone kgosi ya Moabe gore a ba bogise; ka gonne ba ne ba dira tse di bosula mo matlhong a Morena.


Jaanong Baiseraele ba nna ba dira tse di bosula mo matlhong a Morena, ba lebala Morena, Modimo wa bone, ba direla boBaale le boAšera.


Mme e rile Ehute a sena go swa, Baiseraele ba boela gape go dira tse di bosula mo matlhong a Morena.


Mme Baiseraele ba fela ba dira tse di bosula mo matlhong a Morena. Ke fa Morena a ba neela mo diatleng tsa Bamidiane dinyaga tse supa.


Mme ya re bosigo joo Morena a mo raya a re: “Tsaya poo ya dikgomo tse e leng tsa ga rraago, e bong poo ya bobedi ya dinyaga tse supa, o dige aletare ya ga Baale e e leng ya ga rraago, o reme Ašera e e fa thoko ga yona.


Mme ya re fela Giteone a sena go swa, Baiseraele ba boela kwa morago, ba dira boaka ka go latela boBaale, ba ipeela Baale-wa-kgolagano go nna modimo wa bone.


Ke fa ba goela Moreneng ba re: ‘Re leofile, gonne re go tlogetse, Morena, ra direla boBaale le boAšethorethe. Mme jaanong re golole mo diatleng tsa baba ba rona, foo re tla go direla.’


Mme Samuele a raya Baiseraele botlhe a re: “Fa lo rata go boela kwa Moreneng ka pelo yotlhe, tlosang medimo e sele e e mo gare ga lona le boAšethorethe, lo ineele Morena ka dipelo tsa lona, lo mo direle a le esi; foo o tla lo pholosa mo diatleng tsa Bafelesita.”


Ke fa Baiseraele ba tlosa boBaale le boAšethorethe, ba direla Morena a le esi.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan