Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Basiamisi 2:10 - Setswana 1970

10 Ya re botlhe ba metlha ele ba sena go gorosiwa kwa go borraabo, ga tsoga ba bašwa sehularong sa bone ba ba sa itseng Morena le e seng ditiro tse o di diretseng Baiseraele.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

10 Le kokomana eotle e, e le ea phutheloa bo‐rabo: mi ga coga kokomana e eñue morago ga eona, e e sa itseñ Yehova, le esiñ tiho tse o la a li rihela Bayeserela.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

10 Botlhe ba kokomana eo ba phuthelwa kwa go borraabo; mme ga tsoga kokomana e nngwe morago ga bone, e e se kang ya itse Jehofa, le fa e le yone tiro e o e diretseng Iseraele.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Basiamisi 2:10
26 Iomraidhean Croise  

Mme wena o tla ya kwa go borraago ka kagiso; o tla fitlhwa o tsofetse ka botlalo.


Dinyaga tsa bophelo jwa ga Isemaele ke di le 137. Ya baa gona a tlhokafalang, a swa, a bilediwa kwa go borraagwe.


Aborahame a tlhokafala, a swa a tsofetse thata, e le monnamogolo, a jele lefatshe, a bilediwa kwa go borraagwe.


Jaanong ya re Jakobe a sena go fetsa go laela bomorwawe, a busetsa maoto a gagwe mo bolaong, a swa, a bilediwa kwa bathong ba ga gabo.


E tla re fa malatsi a gago a sena go tlala o sena go robala le borraago, ke tsose mongwe wa losika lwa gago sehularong sa gago yo o tla tswang mo mmeleng wa gago, ke tlhomamise bogosi jwa gagwe.


“Wena morwaaka Salomo, itse Modimo wa ga rraago, ò o direle ka pelo yotlhe le ka mowa o o etleetsegileng; gonne Morena o ntse a tlhotlhomisa dipelo tsotlhe, a tlhaloganya maano otlhe a dikakanyo. Fa o o batla, o tla o bona, mme fa o o tlogela, foo o tla go latlha ka bosakhutleng.


Mme kana ba reile Modimo ba re: ‘Tloga mo go rona! Ga re kgatlhwe ke go itse ditsela tsa gago.’


Jaanong ya re Josefa a se na go swa le bomorwa-rraagwe botlhe le losika lwa ntlha,


Mme ga busa kgosi e ntšhwa kwa Egepeto e e sa itseng sepe ka ga Josefa.


Farao a fetola a re: “Morena ke mang yo ke tshwanetseng go mo utlwa, ka naya Baiseraele tsela? Ga ke itse Morena, le gona ga nka ke ka lesa Baiseraele go tsamaya.”


Go na le kwadi le setinkane le moropa le lotlhaka le weine mo matlhapelweng a bone, mme tiro ya Morena ga ba e tlhokomele; tirafatso ya diatla tsa gagwe ga ba e lemoge.


O ne a atlholela mmogisegi le mohumanegi ka tshiamo; ka moo ga phelwa sentle. A ga se gona go nkitse?” go botsa Morena.


“Go tla bo go sa tlhole go le ope yo o rutang mongwe-ka-ene gongwe morwa-rraagwe a re: ‘Itse Morena!’ Gonne ba tla nkitse botlhe, ba bannye le ba bagolo ba bone,” go bua Morena. “Gonne ke tla ba itshwarela molato wa bone, ke sa tlhole ke gopola maleo a bone.”


Ao! Nka bo ke na le ntlo ya baeti mo sekakeng gore ke tlogele morafe wa me, ke tswe mo go bone! Gonne ba senya nyalo botlhe; ke lesomo la balotsana fela.


“Ba gagamatsa diteme tsa bone jaaka bora; ba busa ka maaka mo lefatsheng, e seng ka boammaaruri; ba tswa bosuleng, ba ya bosuleng jo bongwe, mme nna ga ba nkitse,” go bua Morena.


Ba a aketsanya, ga ba bue boammaaruri. Ba tlwaeditse diteme tsa bone go bua maaka. Ba itapisa ka go sokamisa mafoko.


E tla re o sena go le bona, le wena o gorosiwe kwa morafeng wa gago jaaka Arone mogoloo a gorositswe teng,


La bofelo mosadi le ene a swa.


“Gonne Dafita, e rile a sena go direla thato ya Modimo mo motlheng wa gagwe, a robala, a fitlhwa fa go borraagwe, a ba a bona go bola.


Morena a raya Moše a re: “Bona, o tla robala le borraago, mme morafe o, o tla sala o dira boaka ka go latela medimo e sele ya lefatshe le o tla tsenang mo go lone; teng o tla ntlogela, o senya kgolagano ya me e ke e dirileng nabo.


a le mo kgabong ya molelo, a busolosa bone ba ba sa itseng Modimo, e bong bone ba ba sa utlweng Efangele ya ga Jesu Morena wa rona.


Ba ipolela ba re ba itse Modimo! mme ba o itatola ka ditiro tsa bone, ka ba le bosula mo go fetisang, ba sa utlwe, ba sa nonofa go dira tiro epe e e molemo.


Baiseraele ba ne ba direla Morena ka malatsi otlhe a ga Jošua le ka malatsi otlhe a bagolo ba ba neng ba phela sebaka se seleele sehularong sa ga Jošua, e le ba ba itseng ditiro tsotlhe tsa Morena tse o di diretseng Baiseraele.


Mme bomorwa Eli ba ne ba le bosula, ba sa re sepe ka Morena.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan