Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Basiamisi 19:6 - Setswana 1970

6 Ba nna, ba a ja ba nwa mmogo ka bobedi jwa bone, mme rraagwe mosetsana a raya monna yoo a re: “A ko o dumelele go lala gape gore pelo ya gago e itumele.”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

6 Mi ba lula, mi ba ya, ba noa mogo. Mi ra moroetsana a raea monona, a re, A ko u beleege, u tlole bosigo, mi a pelu ea gago e natehale.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

6 Jalo ba dula, ba ja ba nwa boo babedi mmogo; rraagwe mosetsana a raya monna a re: “Ke a go rapela, ithethebatse pelo, mme o lale, a pelo ya gago e ipele.”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Basiamisi 19:6
15 Iomraidhean Croise  

Mme Abesalomo o ne a laetse batlhanka ba gagwe a re: “Lo tle lo ele tlhoko, fa Amenone a sena go tlhapelwa, ke tla lo raya ke re: ‘Itayang Amenone!’ Foo lo mmolae! Lo se boife! Kana ke nna ke lo laetseng jalo. Tiang lo nne pelokgale.”


Ke fa Isebele mosadi wa gagwe a mo raya a re: “A ke gona go busa Baiseraele? Tsoga o je dijo, mme pelo ya gago e itumele! Ke nna ke tla go neelang tshimo ya moweine ya ga Nabothe wa Iserele.”


Mme ya re ka letsatsi la bosupa pelo ya kgosi e thabile ka weine, ya laela Mehumane le Bisetha le Harebona le Bigetha le Abagetha le Sethare le Karekase, badiredi ba supa ba ba neng ba tlhokomela kgosi Ahasewerose fela


le weine go itumedisa pelo ya motho, le lookwane go phatsimisa sefatlhego, le senkgwe go tiisa pelo ya motho.


jaanong ke raya mowa wa me ke re: Mowa wa me, o na le dikhumo tse dintsi tse di lekanyeng dinyaga tse dintsi. Ikhutse, o je, o nwe, o ipele.’


Gonne e tla re go twe: “Go kagiso le polokego!” ke gona tshenyego e tla ba welang ka tshoganyetso, jaaka ditlhabi di wela mosadi yo moimana, mme ga ba kitla ba falola.


Ba ba agileng mo lefatsheng ba itumelela loso lwa bone, ba a ipela; ba tla romelana dineo ka gonne baporofeti ba babedi bao ba ne ba bogisa ba ba agileng mo lefatsheng.


Mo nakong eo ga nna thoromo e kgolo ya lefatshe, karolo ya lesome ya motse ya wa; mo thoromong ya lefatshe ga bolawa batho ba le dikete di supa; ba bangwe ba tshoga thata, ba obegela Modimo wa legodimo.


Mme ya re dipelo tsa bone di itumela, ba re: “Bitsang Simesone, a tle go re tshamekela.” Ba bitsa Simesone, a tswa mo ntlong ya kgolegelo, a tshameka fa pele ga bone, ba mmeile fa gare ga dipinagare tsa ntlo.


Mme ya re monna a nanoga a re o a tsamaya, mogwagwadiagwe a mo rapela thata. Ke fa a boa, a lala gape.


Jaanong monna yoo a nanoga a re o a tsamaya a na le nyatsi ya gagwe le motlhanka wa gagwe, mme mogwagwadiagwe rraagwe mosetsana, a mo raya a re: “A ko o bone, letsatsi le ngotlegile, le ya phirimong. A ko o lale, bona, letsatsi le ya go wela. Lala mono gore pelo ya gago e itumele. Lo tla tsoga lo phakela, lo wela tseleng ya lona lo ya kwa gae.”


Mme ba tswela kwa masimo, ba fula mo masimong a meweine a bone, ba gata maungo a meweine, ba dira moletlo, ba tsena mo ntlong ya modimo wa bone, ba ja, ba nwa, ba hutsa Abimelege.


E rile Boase a sena go ja le go nwa, mme pelo ya gagwe e itumetse, a ya a robala fa thoko ga mokoa wa garase; ke fa Ruthe a tla a ngwangwaela, a bipolela fa dinaong tsa gagwe, a robala.


Ya re Abikaile a fitlha kwa go Nabale a fitlhela a na le moletlo mo ntlong ya gagwe o e keteng ke moletlo wa kgosi. Nabale o ne a itumetse a tagilwe gagolo thata. Mme Abikaile a se ka a mmolelela sepe, le fa e le se sebotlana gongwe se segolo go ya bo be bo se.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan