Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Basiamisi 19:16 - Setswana 1970

16 Mme ya re go le mantsiboana, ga tla monna mogolo, a tswa tirong ya gagwe kwa masimong. Monna yoo e ne e le wa kwa dithabeng tsa Eferaime, a phela mo Gibea e le moeng. Banna ba felo foo e ne e le Babenyamene.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

16 ¶ Mi bonañ, ga tla monona oa mocohe a coa mo tihoñ ea gague kua nageñ ka matsiboea, eo le ena e le le oa thaba tsa Eferaima; mi a tlolatlola kua Gibea: mi bathu ba helo hoñ e le le Babenyamina.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

16 Bonang, e rile go le maitseboana, ga tla monnamogolo mongwe, a tswa tirong ya gagwe kwa nageng; monna yoo e ne e le wa lefatshe la makgabana la Eferaime, a bo a jakile mo Gibea. Batho ba felo foo e ne e le Babenjamine.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Basiamisi 19:16
16 Iomraidhean Croise  

O tla ja dijo ka mofufutso wa sefatlhego sa gago go fitlhelela o boela kwa mmung, gonne o ntshitswe mo go ona; o lerole, mme o tla boela leroleng.”


Motho a tswele kwa tirong ya gagwe le kwa matsapeng a gagwe go ya maitsiboeng.


Ruri, o tla ja tsa tiro ya diatla tsa gago. O letlhogonolo! O tshela sentle.


Leruo le le bonwang ka boithamako le tla ngotlega, mme yo o le kgobokanyang ka tiro ya diatla o tla le ntsifatsa.


Go tswelelwa pele ka tiro yotlhe e e lapisang, mme go buabua ka molomo fela go a tlhokisa.


Fetsa tiro ya gago e e kwa ntle, o leme tshimo ya gago; morago ga moo o ka aga ntlo ya gago.


Ke ne ke ikaeletse go lotolotsa le go tlhotlhomisa ka botlhale dilo tsotlhe tse di dirwang fa tlase ga legodimo. Ke tiro e e makete e Modimo o e neetseng batho gore ba itapise ka yona.


Boroko jwa modiri bo monate, le fa a ja tse dipotlana gongwe tse dintsi, mme letlotlo la mohumi le a mo tlhobaetsa.


Ba sentse mo go maswe jaaka mo malatsing a Gibea. Modimo o tla gopola molato wa bona, o ba watlhaela maleo a bona.


Yo o utswileng a a se tlhole a utswa, mme bogolo a a dire matsapa ka go dira se se molemo ka mabogo a gagwe gore a nne le go ka fa yo o tlhokang.


Kana le jale fa re na le lona, re lo laetse jaana ra re: “Fa mongwe a gana go dira, le gona a se ka a ja.”


E rile ka malatsi ale, fa go ise go nne kgosi mo Iseraeleng, monna wa Molefi a bo a jaka kwa mafelelong a dithaba tsa Eferaime, mme a tsere mosadi wa nyatsi wa kwa Betleheme wa Juta.


Ba feta ba ya pele, ba phirimelelwa ba le gaufi le Gibea wa Benyamene.


Ba fapogela teng gore ba tsene, ba lale mo Gibea; ya re ba sena go tsena, ba nna fa fatshe mo patlelong ya motse, mme go se na ope yo o ba tsholelang mo ntlong gore ba robale.


Ya re monna mogolo a tsholetsa matlho, a bona monna wa moeti mo patlelong ya motse, a botsa a re: “O tswa kae? O ya kae?”


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan