Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Basiamisi 19:11 - Setswana 1970

11 Ya re ba le kwa Jebusi, letsatsi la bo le le gaufi le go phirima, ke fa motlhanka a raya morena wa gagwe a re: “A ga re ka ke ra fapogela kwa motseng o wa Bajebusi, ra lala mo go ona?”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

11 Mi erile ba le ha Yebusa tsatsi ya bo le ñotlegile segolu; lekau ya raea muñ oa yeona, A ko re ee re hapogele kua motseñ o oa Bayebusa, re tlole bosigo gona.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

11 E rile ba le fa Jebuse, letsatsi la bo le fetile thata; motlhanka a raya mong wa gagwe a re: “Ke a go rapela, ntlo re fapogele mo motseng o wa Bajebuse, re lale gone.”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Basiamisi 19:11
8 Iomraidhean Croise  

le Bajebusi le Baamori le Bagiregasi


Mme ya re kgosi le banna ba yona ba fitlha kwa Jerusalema go tlhasela Bajebusi ba ba neng ba agile mo lefatsheng la teng, ba raya Dafita ba re: “Ga o kitla o tsena kwano, mme o tla lelekwa ke difofu le batlhotsi.” Ba raya gore Dafita ga a kitla a tsena teng.


le Bajebusi le Baamori le Bagiregasi


Mme Bajuta ba ne ba palelwa ke go leleka Bajebusi ba ba agileng mo Jerusalema. Bajebusi ba nna jalo mo Jerusalema mmogo le Bajuta go fitlha letsatsing leno.


Babenyamene ba se ka ba leleka Bajebusi ba ba neng ba agile kwa Jerusalema. Bajebusi ba nna jalo mmogo le Babenyamene mo Jerusalema go fitlha letsatsing la kajeno.


Mme monna a gana go lala gape; a nanoga a tsamaya a fitlha go lebagana le Jebusi, e bong Jerusalema, a na le diesele tse pedi tse di belesitsweng le nyatsi ya gagwe le motlhanka wa gagwe.


Mme morena wa gagwe a mo raya a re: “Ga re kitla re fapogela kwa motseng wa ba sele ba e seng Baiseraele. Re tla fetela kwa Gibea.”


Re tshotse dikokole le dijo tsa diesele tsa rona; le gona re tshotse mefago ya senkgwe le weine ya me le ya lelata la gago le ya motlhanka yo o nang le motlhanka wa gago. Ga go na sepe se se tlhokafalang.”


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan