Basiamisi 19:10 - Setswana 197010 Mme monna a gana go lala gape; a nanoga a tsamaya a fitlha go lebagana le Jebusi, e bong Jerusalema, a na le diesele tse pedi tse di belesitsweng le nyatsi ya gagwe le motlhanka wa gagwe. Faic an caibideilBibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)10 Mi monona a gana go tlola bosigo yo, mi a nanoga a ea, mi a hitla go lebagana le Yebusa, o o leñ Yerusalema; le liesela li tu, tse ri belesicoeñ nae, le mogariñuana oa gague nae. Faic an caibideilBAEBELE e e Boitshepo10 Mme monna a gana go lala bosigo joo, a ema a tsamaya, a tla a fitlha bolebagana le Jebuse (ke one Jerusalema); ga bo go na nae diesela di le pedi tse di belesitsweng; le mogadingwana wa gagwe a na nae. Faic an caibideil |
Jaanong molelwane o ne o tlhatlogela kwa mogorogorong wa morwa Hinome go ya mhapheng wa thaba ya Bajebusi ntlheng ya borwa – ke gona Jerusalema. Molelwane o tlhatlogela gape kwa setlhoeng sa thaba e e bapileng le mogorogoro wa ga Hinome mo ntlheng ya bophirimatsatsi, e e bileng e le mo ntlheng ya bokone mo bofelong jwa mogorogoro wa Barefaime.
Jaanong monna yoo a nanoga a re o a tsamaya a na le nyatsi ya gagwe le motlhanka wa gagwe, mme mogwagwadiagwe rraagwe mosetsana, a mo raya a re: “A ko o bone, letsatsi le ngotlegile, le ya phirimong. A ko o lale, bona, letsatsi le ya go wela. Lala mono gore pelo ya gago e itumele. Lo tla tsoga lo phakela, lo wela tseleng ya lona lo ya kwa gae.”