Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Basiamisi 19:1 - Setswana 1970

1 E rile ka malatsi ale, fa go ise go nne kgosi mo Iseraeleng, monna wa Molefi a bo a jaka kwa mafelelong a dithaba tsa Eferaime, mme a tsere mosadi wa nyatsi wa kwa Betleheme wa Juta.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

1 MI ga rihala ka metla euo ka gole go sina khosi mo Bayesereleñ, gabo gole Moleva a le moñue eo o tlolatlolañ ha eintleñ tsa thaba tsa Eferaima, eo o la a itsela mogariñuana kua Betalehema‐yuda.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

1 Ga dirala ya re mo metlheng eo, ka go se na kgosi mo Iseraele, ga bo go le Molefi mongwe a jaketse ntlheng ya lefatshe la makgabana la Eferaime, mme a bo a tsere mogadingwana mo Bethelehema wa Juta.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Basiamisi 19:1
29 Iomraidhean Croise  

Mogadingwana wa gagwe yo leina la gagwe e leng Reuma, le ene a belega Teba le Kahame le Thahaše le Maaga.


Fa e le bomorwa bagadingwana ba Aborahame o neng a na nabo, a ba abela dineo, a ba kgaoganya le Isaka morwawe, Aborahame a sa ntse a phela gore ba ye kwa botlhabatsatsi kwa lefatsheng le le ntlheng ya botlhabatsatsi.


Ragele a swa jalo, a fitlhwa fa thoko ga tsela e e yang kwa Eferatha mo e leng Betleheme.


Ke fa ba tlhomela Abesalomo tente mo godimo ga dithulelo tsa ntlo, mme Abesalomo a tsena kwa bagadingwaneng ba ga rraagwe mo ponong ya Baiseraele botlhe.


Mme Joabe a tsena kwa kgosing e le mo ntlong, a e raya a re: “Kajeno o tlhabisitse batlhanka botlhe ba gago ditlhong, ba kajeno ba pholositseng bophelo jwa gago le maphelo a bomorwao le a bomorwadio le maphelo a basadi ba gago le maphelo a bagadingwana ba gago


E rile Dafita a fitlha kwa lapeng la gagwe kwa Jerusalema, kgosi ya tsaya basadi ba le some ba bagadingwana ba e neng e ba tlogetse go disa ntlo, ya ba tsenya mo ntlong e e disitsweng, ya ba tlamela teng, mme ya se ka ya tsena kwa go bone. Ba bo ba tswaletswe jalo go fitlha letsatsing la loso lwa bone, ba dirwa jaaka batlholagadi bophelong jotlhe jwa bone.


Saule o ne a na le mogadingwana yo leina la gagwe e neng e le Ritsepha morwadia Aya. Jaanong Abenere a mo tsaya, mme Isebosethe a raya Abenere a re: “Ke ka ntlha ya eng, fa o tsenye kwa go mogadingwana wa ga rre?”


Dafita a tsaya bagadingwana le basadi ba bangwe gape a le kwa Jerusalema a sena go huduga kwa Heberone; a nna a bona bomorwa le bomorwadi.


O ne a na le basadi ba bahumagadi ba le 700 le bagadingwana ba le 300, mme basadi ba gagwe ba faposa pelo ya gagwe.


Maina a bone ke a: Morwa Hure o ne a le kwa dithabeng tsa Eferaime;


Mme Rehabeame a rata Maaga morwadia Abesalomo bogolo go basadi le bagadingwana botlhe ba gagwe; gonne o ne a tsere basadi ba le 18 le bagadingwana ba le 60: a tsala bomorwa ba le 28 le bomorwadi ba le 60.


A tsena maitsiboa, mme mo mosong a boele kwa ntlong ya bobedi ya basadi e e mo tebelong ya ga Saasekase moopafadiwa wa kgosi yo o disang bagadingwana, mme morweetsana a sa tshwanela go tsena gape kwa kgosing fa e se fa kgosi e kgatlhilwe ke ene, mme a bidiwa ka leina.


Ke fa dijana tsa gouta di tlisiwa tse di ntshitsweng mo Tempeleng, e e leng Ntlo ya Modimo kwa Jerusalema. Kgosi le ditona tsa yona le basadi ba yona le dinyatsi tsa yona ba nwa ka tsona.


Ga go na monna ope yo o ka dirang jalo, fa a sa ntse a na le mowa wa tumelo. Yo o ntseng jalo o batla eng? O batla losika lwa morafe wa Modimo. Ka moo itise mo moweng wa gago, mme o se ka wa tlhala mosadi wa bošwa jwa gago!


“ ‘Wena Betleheme wa lefatshe la Juta; ga o mmotlana ka gope mo magosaneng a Juta; gonne mo go wena go tla tswa molaodi yo o tla disang morafe wa me wa Iseraele.’ ”


Ba mo fitlha mo nageng ya gagwe kwa Thimenatshera e e kwa dithabeng tsa Eferaime ntlheng ya bokone ya thaba ya Gaaše.


Le Eleasare morwa Arone, e rile a swa, ba mo fitlha mo motseng wa Gibea wa ga Phinehase morwawe, o a o filweng kwa dithabeng tsa ga Eferaime.


Sehularong sa gagwe Baiseraele ba okamelwa ke Ibesane wa kwa Betleheme.


Go ne go le monna kwa dithabeng tsa Eferaime yo leina la gagwe e leng Miga.


Ka sebaka seo go ne go se na kgosi mo Iseraeleng; mongwe le mongwe a dira tse di kgatlhang matlho a gagwe.


Jaanong go ne ga tla lekau le tswa kwa Betleheme wa Juta kwa losikeng lwa Juta. E ne le Molefi, a tlile teng go jaka.


Monna yoo o ne a tlogile kwa Betleheme motseng wa Juta, a ile go jaka fa a ka bonang tiro teng. Jaanong a fitlha kwa dithabeng tsa Eferaime kwa ntlong ya ga Miga a le mo tseleng.


Mo metlheng eo go ne go se na kgosi mo Iseraeleng. Ya re ka sebaka seo ba lotso lwa Dane ba ipatlela kabelo ya naga, fa ba ka nnang teng; gonne kabelo e ne e ise e wele mo diatleng tsa bone mo gare ga ditso tsa Iseraele go fitlha letsatsing leo.


Go tswa teng ba fetela kwa dithabeng tsa Eferaime, ba gorogela fa ntlong ya ga Miga.


Mme ya re go le mantsiboana, ga tla monna mogolo, a tswa tirong ya gagwe kwa masimong. Monna yoo e ne e le wa kwa dithabeng tsa Eferaime, a phela mo Gibea e le moeng. Banna ba felo foo e ne e le Babenyamene.


Mme nyatsi ya gagwe ya mo ngalela, ya mo tlogela, ya ya kwa ga yona kwa Betleheme wa Juta, ya nna teng malatsi a dikgwedi tse nne.


Ka sebaka seo go ne go se na kgosi mo Iseraeleng; mongwe le mongwe a dira tse di kgatlhang matlho a gagwe.


Ya re a sena go fitlha, a letsa lonaka mo dithabeng tsa Eferaime. Ke fa Baiseraele ba fologa nae mo dithabeng, ene a ba eteletse pele.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan