Basiamisi 18:8 - Setswana 19708 Ya re ba fitlha gape kwa go ba ga bone kwa Sorea le Ešethaole, ba ga bone ba ba botsa ba re: “Go ntse jang?” Faic an caibideilBibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)8 Mi ba hitla baneñ ba rabo kua Tsora le Eshetaola: mi bana ba rabo ba ba raea, Loa reñ? Faic an caibideilBAEBELE e e Boitshepo8 Ba fitlha kwa go ba ga bone kwa Sora le Ešetaole; ba ga gabo ba ba raya ba re: “Lo a reng?” Faic an caibideil |
Jaanong Badane ba roma banna ba batlhano ba losika lwa bone, ba romilwe ke lotso lotlhe, e le banna ba ba pelokgale; ba tloga kwa Sorea le kwa Ešethaole go tlhola lefatshe le go le sekaseka. Ba ba laela ba re: “Yaang lo sekaseke lefatshe.” Bone bao ba fitlha kwa dithabeng tsa Eferaime kwa ntlong ya ga Miga, ba lala teng.
Ke fa banna ba batlhano ba ya ba fitlha kwa motseng wa Laiše, ba bona batho ba ba mo go ona ba agile mo thagamong ka fa melaong ya Basitone, ba iketlile, ba sa boife sepe, go se na ope yo o utlwisang botlhoko mo lefatsheng leo ka go thukhutha khumo; le gona ba le kgakala le Basitone, ba sa kgathalale batho ba bangwe.