Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Basiamisi 18:7 - Setswana 1970

7 Ke fa banna ba batlhano ba ya ba fitlha kwa motseng wa Laiše, ba bona batho ba ba mo go ona ba agile mo thagamong ka fa melaong ya Basitone, ba iketlile, ba sa boife sepe, go se na ope yo o utlwisang botlhoko mo lefatsheng leo ka go thukhutha khumo; le gona ba le kgakala le Basitone, ba sa kgathalale batho ba bangwe.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

7 ¶ Ereha gona banona ba faeve ba, ba eañ ba hitla Laisha, mi ba bona bathu ba ba go ona, ba nntse thagamo, yaka mokhua oa Batsidona, ba iketlile le thagamo; mi gabo go si sina mo-thibi mo hatsiñ, eo o ko a tlabisa señue litloñ; mi ba bo ba le khakala le Batsidona, mi ba bo ba sina tihalano le ope.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

7 Foo banna ba batlhano ba tsamaya, ba tla mo Laiše, mme ba bona batho ba ba teng, jaaka ba agile ba iketlile, ka fa mokgweng wa Basitone, ba iketlile, ba le mo thagamong; gonne go ne go se na ope mo lefatsheng yo o nang le taolo, yo o ka ba utlwisang botlhoko ka gope, mme ba bo ba le kgakala le Basitone, ba sa etelane le ope.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Basiamisi 18:7
13 Iomraidhean Croise  

Mme rraagwe a se ka a mo kgalemela ka letsatsi lepe go re: “O direlang jalo?” Le gona o ne a bopegile sentle thata, mme mmaagwe a mo tshotse a tlhomaganna Abesalomo.


O ne a galala go sepela mo maleong a ga Jerobeame morwa Nebate, o bile a oketsa ka go nyala Isebele morwadia Ethebaale, kgosi ya Basitoni, a tloga gape a direla Baale a mo obamela.


Ba fitlhela mafulo a sefuti a a siameng, mme lefatshe la teng le ne le atlhame mo ntlheng tsotlhe, le iketlile le sa tshwenye ka sepe. Kana baagi ba teng ba pele e ne e le Bahame.


Morena o buile a re: “Nanogang lo bololele setšhaba se se ituletseng, se iketlile, se se nnang mo tshireletsong, se se se nang dikgoro le e seng diphemelo, se se agileng se le sosi.


Gonne babusi ga se ba ba boifiwang ka ntlha ya tiro e e molemo, mme e le ka ntlha ya e e bosula. Jaanong fa o sa rate go boifisiwa ke mmuso, dira molemo, mme o tla bona tlotlo mo go ona.


Mme naga ya Badane ya ba latlhegela. Ka moo Badane ba bolola, ba tlhasela motse wa Leseme, ba o thopa, ba o bolaya ka bogale jwa tšhaka, ba o rua, ba nna mo go ona. Mme Leseme ba o bitsa Dane ka leina la ga rraabo Dane.


kampo dikgosana, ka e le tse di romilweng ke yona go betsa badiradibe le go tlotla ba ba dirang molemo;


Lo mo lekanyetse botlhoko le bohutsana ka fa selekanyong sa boikgalaletso le bofafalele jwa gagwe; e re ka a ithaya mo pelong a re: ‘Ke ntse, ke kgosigadi, ga ke motlholagadi, bohutsana ga nkitla ke bo bona ka gope,’


Ba taya motse leina la Dane ka leina la ga Dane rraabo yo o belegetsweng Iseraele. Mme pele ga foo leina la motse oo e ne e le Laiše.


Moperesiti a ba araba a re: “Tsamayang ka kagiso! Leeto la lona le lo le tshwereng, le fa pele ga Morena.”


Ya re ba fitlha gape kwa go ba ga bone kwa Sorea le Ešethaole, ba ga bone ba ba botsa ba re: “Go ntse jang?”


Kana ke mo itsisitse ka re, ke tla atlhola lelapa la gagwe go ya bosakhutleng ka ntlha ya molato, ka a ne a itse gore bomorwawe ba dira se se ba ronang, mme a se ka a ba omanya.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan