Basiamisi 18:5 - Setswana 19705 Ba mo kopa ba re: “A ko o botse Modimo, re tle re itse gore a leeto la rona le re le tsamayang le tla nna le letlhogonolo?” Faic an caibideilBibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)5 Mi ba le raea, A ko u lope khakololo mo Morimoñ, gore re itse ha tsela e re eañ ka eona e tla tsegahala. Faic an caibideilBAEBELE e e Boitshepo5 Ba mo raya ba re: “Re a go rapela, a ko o lope kgakololo mo Modimong, gore re tle re itse gore a tsela e re e tsamayang e tlaa nna le letlhogonolo?” Faic an caibideil |
Mme kgosi Ahase a mo laela, ene moperesiti Uria, a re: “Mo aletareng e kgolo e o tshube setlhabelo sa phiso sa mo mosong le tshupelo ya dijo ya maitsiboa le setlhabelo sa phiso sa kgosi le tshupelo ya dijo ya yona le setlhabelo sa phiso sa morafe otlhe wa lefatshe le tshupelo ya dijo le ya noo ya ona. Madi otlhe a setlhabelo sa phiso le madi otlhe a setlhabelo se sengwe o a kgatshe mo go yona. Ke tla bona se nka se dirang ka aletare ya kgotlho.”