Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Basiamisi 18:4 - Setswana 1970

4 A ba araba a re: “Miga o ntiretse jaana le jaana, a nthapa gore ke nne moperesiti wa gagwe.”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

4 Mi ya ba raea, Mike o ’ntihetse yalo le yalo, o ’ntaleritse, mi ki moperiseti oa gague.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

4 A ba raya a re: “Mika o ntiretse jaana le jaana, o nthapile ka tuelo, ke moperesiti wa gagwe.”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Basiamisi 18:4
16 Iomraidhean Croise  

Go gobelelela motho ga go a siama. Monna o ka tlogela tshiamo le ka ntlha ya thathana ya bogobe fela.


“Ee, ke dintšwa tse di megagaru, di batla dijo thata, di sa kgore. Gape ke badisa ba ba sa itseng go tlhokomela. Mongwe le mongwe o fapogela mo tseleng ya gagwe, a latela kgwebo ya gagwe, ba botlhe ba dira jalo.


Lo intshepolola mo morafeng wa me gore lo bone garase e e tlalang diatla le dithathana tsa bogobe, gore lo tle lo bolae mewa e e sa tshwanelang go swa; gore lo phedise mewa e e sa tshwanelang go phela ka maaka a lona a go aketsa morafe wa me, o o ratang go utlwa maaka.’


“E kete go ka bo go le mongwe mo go lona yo o tswalang dikgoro gore lo se ka lwa gotsa molelo mo aletareng ya me lefela! Ga ke kgatlhwe ke lona,” go bua Morena wa masomosomo. “Tshupelo e e tswang mo diatleng tsa lona ga e nnatefele.


Ga ke a ka ka eletsa selefera le fa e le gouta le fa e le diaparo tsa ga ope.


e se letagwa, a se borumolano, e se mmatli wa mahumo ka mokgwa o o maswe, mme a le tsalano, e se motho wa kgang, e se morati wa madi;


ba ba tshwanetseng go thijwa melomo, ka ba feretlha malapa gotlhe ka go ruta dilo tse di sa tshwanelang, e le ka ntlha ya papadi e mpe.


Ka megagaru ya bone ba tla bapala ka lona ka mafoko a maaka. Mme go tloga bogologolo katlholo ya bone ga e diege, le tatlhego ya bone ga e otsele.


Miga a mo raya a re: “Nna le nna, o nne rre le moperesiti wa me; ke tla go naya diselefera di le some ka ngwaga le diaparo le dijo.” Mme ya re a emelela Molefi,


Mme Miga a tsenya Molefi mo tirong; lekau leo la nna moperesiti wa gagwe, la nna mo ntlong ya ga Miga.


Ya re ba le mo lapeng la ga Miga, ba lemoga lentswe la lekau la Molefi, ba ya teng, ba mmotsa ba re: “Ke mang yo o go tlisitseng, kwano? O dira eng mono? O batlang mono?”


Ba mo kopa ba re: “A ko o botse Modimo, re tle re itse gore a leeto la rona le re le tsamayang le tla nna le letlhogonolo?”


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan