Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Basiamisi 18:2 - Setswana 1970

2 Jaanong Badane ba roma banna ba batlhano ba losika lwa bone, ba romilwe ke lotso lotlhe, e le banna ba ba pelokgale; ba tloga kwa Sorea le kwa Ešethaole go tlhola lefatshe le go le sekaseka. Ba ba laela ba re: “Yaang lo sekaseke lefatshe.” Bone bao ba fitlha kwa dithabeng tsa Eferaime kwa ntlong ya ga Miga, ba lala teng.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

2 Mi bana ba Dane ba roma ga loco loa bona banona ba faeve ba bonatla, ba meleloane ea bona, ba Tsora, le ba Eshetaola, go tlola lehatsi, le go le tlotlomisa; mi ba ba raea, Eañ, tlotlomisañ lehatsi. Mi ba hitla kua thabeñ tsa Eferaima, le kua tluñ ea Mike, mi ba tlola bosigo gona.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

2 Bana ba Dane ba roma banna ba le batlhano ba losika lwa bone, ba rongwa ke lotso lotlhe fela, e le banna ba ba pelokgale, ba tswa mo Sora, le mo Ešetaole, ba ya go tlhola lefatshe, le go le keleka; mme ba ba raya ba re: “Yang lo keleke lefatshe.” Ba fitlha mo lefatsheng la makgabana la Eferaime, mo ntlong ya ga Mika, ba lala teng.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Basiamisi 18:2
20 Iomraidhean Croise  

Ke fa Josefa a gakologelwa ditoro tse a kileng a di lora ka ga bone a ba raya a re: “Lo batlhodi, lo tlile go bona fa lefatshe le sa femelwang teng.”


Maano a tla tlhomama ka kgakololano; dira ntwa ka tsamaiso ya botlhale.


Ya re Moše a ba roma go sekaseka lefatshe la Kanana, a ba laela a re: “Go tloga fano lo le tsene nageng ya borwa, lo be lo tlhatlogele kwa dithabeng,


“Gongwe, kgosi ke efe, e e ka reng e ya go bololela kgosi e nngwe ka ntwa, ya se ka ya nna fa fatshe, ya akanya gore a e nonofile ka dikete di le some go kgatlhantsha e e tlang go yona ka dikete di le masome a mabedi?


Mo nageng e e kwa tlase go ne go le Ešethaole le Sorea le Ašena


Kabelo ya naga ya bone e ne e na le metse ya Sorea le Ešethaole le Ire-Semese


Jošua, morwa Nune, o na a romile banna ba le babedi ba batlhodi mo sephiring go tswa Sitime a re: “Yaang lo tlhole lefatshe le motse wa Jerigo.” Ba ya ba tsena mo ntlong ya mosadi wa seaka yo leina la gagwe e leng Rahabe, ba lala teng.


Ke fa kgosi ya Jerigo e begelwa go twe: “Bona, banna ba letse ba tlile mono bosigo, ba tswa kwa Baiseraeleng go tlhola lefatshe le.”


Jaanong ga bo go le monna mongwe wa losika lwa ga Dane kwa Sorea, yo leina la gagwe e leng Manoa. Mosadi wa gagwe o ne a le moopa, a sa tshole bana.


Mowa wa Morena wa simolola go mo tlhotlheletsa a le mo bothibelelong jwa ga Dane fa gare ga Sorea le Ešethaole.


Jaanong ga tla bomorwa-rraagwe le ba kgotla ya ga rraagwe botlhe, ba mo tsaya, ba mo tlosa, ba ya go mo fitlha fa gare ga Sorea le Ešethaole mo mabitleng a ga Manoa rraagwe. O ne a siamiseditse Iseraele dinyaga di le 20.


Go ne go le monna kwa dithabeng tsa Eferaime yo leina la gagwe e leng Miga.


Ke fa go huduga banna ba le 600 ba losika lwa Badane, ba tloga kwa Sorea le kwa Ešethaole, ba tlhometse dibolai tsa ntwa.


Go tswa teng ba fetela kwa dithabeng tsa Eferaime, ba gorogela fa ntlong ya ga Miga.


Ya re ba le mo lapeng la ga Miga, ba lemoga lentswe la lekau la Molefi, ba ya teng, ba mmotsa ba re: “Ke mang yo o go tlisitseng, kwano? O dira eng mono? O batlang mono?”


Ya re ba fitlha gape kwa go ba ga bone kwa Sorea le Ešethaole, ba ga bone ba ba botsa ba re: “Go ntse jang?”


E rile ka malatsi ale, fa go ise go nne kgosi mo Iseraeleng, monna wa Molefi a bo a jaka kwa mafelelong a dithaba tsa Eferaime, mme a tsere mosadi wa nyatsi wa kwa Betleheme wa Juta.


A mo araba a re: “Re mo tseleng, re tswa kwa Betleheme wa Juta, re boela kwa ga rona kwa mafelelong a dithaba tsa Eferaime. Ke ne ke ile kwa Betleheme wa Juta; jaanong ke ya kwa Tempelaneng ya Morena, mme ga go na ope yo o ntsholelang mo ntlong.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan