Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Basiamisi 17:4 - Setswana 1970

4 Mme a busetsa mmaagwe diselefera tseo; mmaagwe a tsaya diselefera di le 200, a di neela mothudi; ene a dira modimo wa seseto le o o bopilweng ka tsona; wa ba wa nna mo ntlong ya ga Miga.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

4 Mi a rebolela mague liselevera: mi mague a tsaea liselevera li tu hundereda, a li naea mothuri eo o la a riha secuanco se se setiloeñ se se thecoeñ ka cona: mi sa bo se le mo tluñ ea Mike.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

4 Ya re a busetsa madi kwa go mmaagwe, mmaagwe a tsaya diselefera di le 200, a di neela mothudi, mme ene a dira ka tsone setshwantsho se se setilweng, le setshwantsho se se thetsweng; mme sa nna mo ntlong ya ga Mika.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Basiamisi 17:4
9 Iomraidhean Croise  

Medimo ya diseto ya lona e e manegilweng selefera, le ya ditshwantsho tsa lona tse di bopilweng tse di manegilweng gouta, lo tla e kaya makgapha, lo e latlha jaaka maila, lo e raya lo re: “Tlogang fa!”


Mmetli wa dikgong o gagamatsa thapo, a thala setshwantsho sa ona ka sethadi, a o seta ka phalo, a o tshwaya ka selekanyi, a dira setshwantsho sa monna, sa motho yo montle gore se nne mo ntlong.


Setshwantsho se se setilweng se thusa eng, fa modiri wa sona a se betlile? Le setshwantsho se se bopilweng, se e leng moruti wa maaka, se thusa eng, fa modiri wa sona a se ikanya ka go dira medimo e e dimumu?


“ ‘Go hutsitswe monna yo o dirang modimo wa seseto gongwe o o bopilweng, o e leng maila mo Moreneng, e le tiro ya diatla tsa setswerere fela, a ba a o baya mo sephiring.’ Mme a morafe otlhe o arabe o re: ‘A go nne jalo!’


A busetsa mmaagwe diselefera di le 1 100 jalo, mme mmaagwe a re: “Diselefera tseo ke di tlhaoletse Morena, ke di ntsha ka ntlha ya ga morwaake go dira modimo wa seseto le o o bopilweng. Mme jaanong ke rata go di go busetsa.”


Miga, monna yoo o ne a na le tempelana ya medimo, a dira khiba ya boperesiti le medimo ya lelapa, a dira mongwe wa bomorwawe moperesiti, a nna moperesiti wa gagwe.


banna ba batlhano ba ba kileng ba ya go tlhola lefatshe ba ya kwa tempelaneng, ba tsena teng, ba tsaya modimo wa seseto le khiba ya boperesiti le medimo ya lelapa le modimo o o bopilweng, moperesiti ene a ntse a eme le banna ba ba 600 ba ba tlhometseng dibolai tsa ntwa kwa mojakong wa kgoro.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan