Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Basiamisi 17:1 - Setswana 1970

1 Go ne go le monna kwa dithabeng tsa Eferaime yo leina la gagwe e leng Miga.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

1 MI gabo gole monona oa thaba tsa Eferaima, leina ya gague e le le Mike.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

1 Go ne go le monna mongwe wa lefatshe la makgabana la Eferaime, leina la gagwe e le Mika.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Basiamisi 17:1
11 Iomraidhean Croise  

Maina a bone ke a: Morwa Hure o ne a le kwa dithabeng tsa Eferaime;


Molelwane o ne o thelela mo setlhoeng sa thaba eo, o ya kwa motsweding wa metsi a Nefethoa; go tswa teng o ne o ya kwa dithabeng tsa metse ya ga Eferone. Jaanong o thelela, o ya kwa Baala, e bong Khiriathe-Jearime.


ba newa motse wa botshabelo jwa babolai wa Šegeme le mafulo a ona mo dithabeng tsa Eferaime le wa Gesere le mafulo a ona


Ba mo fitlha mo nageng ya gagwe kwa Thimenatshera e e kwa dithabeng tsa Eferaime ntlheng ya bokone ya thaba ya Gaaše.


Sehularong sa ga Abimelege ga tsoga Thola morwa Phua morwa Doto, monna wa lotso lwa ga Isašare, go thusa Iseraele. O ne a agile mo motseng wa Samire kwa dithabeng tsa Eferaime.


Jaanong ga tla bomorwa-rraagwe le ba kgotla ya ga rraagwe botlhe, ba mo tsaya, ba mo tlosa, ba ya go mo fitlha fa gare ga Sorea le Ešethaole mo mabitleng a ga Manoa rraagwe. O ne a siamiseditse Iseraele dinyaga di le 20.


Ene a raya mmaagwe a re: “Mma, diselefera di le 1 100 tse di utswilweng mo go wena, bona, diselefera tseo di mo go nna. Ke nna ke di tsereng. Kana o hutsitse khutso ka ntlha ya tsona; le gona o e buile mo ditsebeng tsa me.” Ke fa mmaagwe a re: “A morwaake a tshegofadiwe ke Morena!”


Go tswa teng ba fetela kwa dithabeng tsa Eferaime, ba gorogela fa ntlong ya ga Miga.


Jaanong Badane ba roma banna ba batlhano ba losika lwa bone, ba romilwe ke lotso lotlhe, e le banna ba ba pelokgale; ba tloga kwa Sorea le kwa Ešethaole go tlhola lefatshe le go le sekaseka. Ba ba laela ba re: “Yaang lo sekaseke lefatshe.” Bone bao ba fitlha kwa dithabeng tsa Eferaime kwa ntlong ya ga Miga, ba lala teng.


Ya re a sena go fitlha, a letsa lonaka mo dithabeng tsa Eferaime. Ke fa Baiseraele ba fologa nae mo dithabeng, ene a ba eteletse pele.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan