Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Basiamisi 16:5 - Setswana 1970

5 Dikgosana tsa Bafelesita tsa tla kwa go ene, tsa mo raya tsa re: “Mo tlakise gore o lemoge kwa thata e kgolo ya gagwe e tswang teng le ka fa re ka mo kgonang ka teng gore re tle re mo golege, re mo fenye. Foo mongwe le mongwe wa rona o tla go naya diselefera di le 1 100.”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

5 Mi khosana tsa Bafiliseta tsa tla go ena, tsa mo raea, Mo olobele, mi u bone nonoho e kholu ea gague e go eñ, le kaha re ka mo nonohelañ ka gona, go mo golega le go mo katisa: mi moñue le moñue oa rona o tla gu naea liselevera li uan thousanda le uan hundereda.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

5 Barena ba Bafilisitia ba ya kwa go ene mosadi, ba mo raya ba re: “Mo hepise o tle o bone kwa thata e kgolo ya gagwe e nnang gone, le ka fa re ka mo fenyang ka gone, gore re mo golege, re mo utlwise botlhoko; mongwe le mongwe wa rona o tlaa go naya dipapetlana tsa selefera di le 1 100.”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Basiamisi 16:5
17 Iomraidhean Croise  

Foo Esau a wela tsela ka letsatsi leo, a boela kwa Seire.


Diatla tsa bone di maatlametlo go dira bosula. Se kgosana e se lopang moatlhodi o se bua ka ntlha ya tuelo. Fa motho yo mogolo a bolela se mowa wa gagwe o se eletsang, baatlhodi ba se dirafatsa ka go sokamisa mafoko.


a re: “Lo tla mpha eng, fa nka mo lo tshwarisa?” Ba mo lekanyetsa diselefera di le 30.


go tloga kwa nokeng ya Sigore e e fa thoko ga Egepeto go ya kwa nageng ya Ekerone kwa bokone e e balelwang Bakanana e bong naga ya dikgosi tse tlhano tsa Bafelesita ya Gasa le ya Ašetote le ya Ašekalone le ya Gathe le ya Ekerone, le dinaga tsa Baawi


Ya re ka letsatsi la bone ba raya mosadi wa ga Simesone ba re: “Kgona monna wa gago gore a re lepololele nyepo eo, e se re gongwe ra go fisa le ntlo ya ga rraago. A lo re laleditse go tla go re humanegisa gongwe nnyaya?”


Morago ga moo a rata mosadi mo molapong wa Soreke; leina la gagwe e ne e le Delila.


Ke fa Delila a mo raya a re: “A ko o mpolele gore thata ya gago e kgolo ka eng? O ka golegwa ka eng go go fenya?”


Ene a raya mmaagwe a re: “Mma, diselefera di le 1 100 tse di utswilweng mo go wena, bona, diselefera tseo di mo go nna. Ke nna ke di tsereng. Kana o hutsitse khutso ka ntlha ya tsona; le gona o e buile mo ditsebeng tsa me.” Ke fa mmaagwe a re: “A morwaake a tshegofadiwe ke Morena!”


Ke dikgosi tse tlhano tsa Bafelesita le Bakanana le Basitone le Bahewi botlhe ba ba neng ba agile kwa dithabeng tsa Lebanone go tswa thabeng ya Baale-Heremone go ya go fitlha kwa Hamathe.


Ke fa Agiše a bitsa Dafita, a mo raya a re: “Ka bophelo jwa Morena! Ruri, o tlhamaletse, le go bolola ga gago le go tsena ga gago le nna mo mophatong go siame mo matlhong a me. Gonne ga ka bona bosula bope mo go wena go tloga letsatsing le o tlileng go nna ka lone go fitlha letsatsing leno, mme ga o a siama mo matlhong a dikgosana.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan