Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Basiamisi 16:2 - Setswana 1970

2 Ya re ba Gasa ba begelwa go twe: “Simesone o tsile mono,” ba mo dikanyetsa, ba mo lalela bosigo jotlhe kwa kgorong ya motse; ba lala ba didimetse fela ba re: “E tla re mo mosong boo sa, re mmolae.”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

2 Mi Bagasa ba reoa, ga tua, Samesone o tlile monu. Mi ba rikologa, ba mo lalela sigo yotle ha khoroñ ea motse, mi ba ririmala ka sigo yotle, ba re, Re tla molaea ka phepahalo.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

2 Ga bolelelwa Bagasa ga twe: “Samesone o tsile mono.” Ba mo dikanyetsa, ba lala ba mo laletse mo kgorong ya motse, ba lala ba didimetse fela ba re: “Mmang bosa bo se pele, foo re tlaa mmolaya.”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Basiamisi 16:2
11 Iomraidhean Croise  

Mme ya re balemi ba bona morwawe, ba raana ba re: ‘Wa boswa ke yo; tlaang re mmolaeng, re tle re je boswa jwa gagwe!’


E rile boo sa, baperesiti ba bagolo botlhe le bagolo ba morafe ba utlwana ka ga Jesu gore ba mmolae.


“E re lo bona Jerusalema o dikanyeditswe ka ntwa ke mephato, lo be lo itse gore go senngwa ga ona go atametse.


Jaanong he, lona le ba lekgotla le legolo, kopang molaodi-wa-sekete gore a mo folosetse kwano go lona, jaaka e kete lo rata go tlhotlhomisa ka ga gagwe ka tlhokomelo e kgolo; mme rona re ipaakantse go mmolaya, a ise a fitlhe.”


Mme Saule a itse maikaelelo a bone. Ba ne ba disa dikgoro bosigo le motshegare gore ba mmolae.


Mme ya re a nyorilwe thata a lelela Moreneng a re: “Ke wena o dirileng pholoso e kgolo e ka letsogo la motlhanka wa gago. A jaanong ke tla swa ka lenyora, ke wela mo diatleng tsa ba ba sa rupang?”


Mme Simesone a robala fela go fitlha bosigogare; bosigogare a tsoga, a tshwara ditswalo tsa kgoro ya motse le disana tsoo pedi tsa tsona, a di somola mmogo le mephakarego, a di sikara magetleng, a di isa kwa setlhoeng sa thaba e e lebaganyeng le Heberone.


Saule a roma barongwi kwa lapeng la ga Dafita gore ba mo lalele, ba mmolae mo mosong. Mme Migale mosadi wa gagwe a itsise Dafita a re: “Fa o sa pholose bophelo jwa gago bosigo jono o tla tsoga o bolawa kamoso.”


Saule le banna ba gagwe ba tsamaya go pota thaba ka kwano, mme Dafita le banna ba gagwe ba tsamaya go pota thaba ka kwa. Mme ya re Dafita a itlhaganela go tshaba, ka a boifa Saule, Saule le banna ba gagwe ba dikanyetsa Dafita le banna ba gagwe gore ba ba tshware.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan