Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Basiamisi 16:16 - Setswana 1970

16 Mme ya re ka a mo tshwenya ka mafoko a gagwe ka malatsi aotlhe, a mo emeletse, a fela pelo, mo e keteng a ka swa,

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

16 Mi ga rihala ka a mo emelela ka malatsi aotle ka mahuku a gague, a mo lapisa ea tsamaea moea oa gague oa noñoselela go loshuñ;

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

16 Mme ga dirala ya re a ntse a mo emelela thata ka malatsi otlhe ka mafoko a gagwe, a ntse a mo leka ka thata, mowa wa gagwe wa tshwenyega go ya losong.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Basiamisi 16:16
11 Iomraidhean Croise  

A nna ke lebisa selelo sa me mo bathong? Gongwe ke ka ntlha ya eng, fa ke sa tshwanela go fela pelo?


Mme Modimo wa raya Jona wa re: “A ò a re ò tuka bogale ka tshwanelo ka ntlha ya mokhure?” A araba a re: “Ke tla tuka bogale ka tshwanelo go fitlha losong.”


A ba raya a re: “Se ke madi a me a kgolagano e ntšhwa a a tshololwang ka ntlha ya ba bantsi.


Ke lo raya ke re: Le fa a ne a sa ka ke a tsoga, a mo naya, ka e le tsala ya gagwe, mme ka ntlha ya kemelelo ya gagwe o tla tsoga, a mo naya ka fa a tlhokang ka teng.


le fa go ntse jalo, ka motlholagadi yo a ntapisa, ke tla mo seka gore a se ka a mphatlola tlhogo ka go boaboa ga gagwe.’ ”


Ke fa mosadi wa ga Simesone a lela fa go ene a re: “O ntlhoile, ga o nthate. O tlhabetse ba ga etsho nyepo, mme ga o a e ntshebela.” A mo araba a re: “Bona, ga ke a e bolelela rre le mme. A o a re nka e go bolelela?”


Mme mosadi a lela fa go ene malatsi a supa a ba neng ba tshwere moletlo ka ona. Ya re ka letsatsi la bosupa, a e mo sebela, gonne o ne a mo emeletse thata. Mosadi a e sebela ba ga gabo.


Ke fa Delila a mo raya a re: “O ka bua jang o a re, o a nthata, etswe pelo ya gago e sa re sepe ka nna. E setse e le gararo o ntse o ntsietsa, o sa mpolele gore thata ya gago e kgolo ka eng.”


a mmolelela tsotlhe tse di mo pelong ya gagwe, a mo raya a re: “Logare ga lo ise lo tle mo tlhogong ya me, gonne ke moikiledi wa Modimo go tswa botsalong jwa me. Fa nka beolwa, thata ya me e ka ntlogela; ke ka nna bokoa, ke tshwana le batho botlhe.”


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan