Basiamisi 16:12 - Setswana 197012 Delila a tsaya megala a mešwa, a mo golega ka yona. A ba a mo raya a re: “Simesone, Bafelesita ba a go wela!” Ba ntse ba mo laletse mo ntlwaneng. Mme a di kgaola jaaka ditlhale, a bofologa mabogo. Faic an caibideilBibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)12 Ereha gona Delile o tsaeañ linti tse rinca, a mo golega ka cona, mi a mo raea, Samesona, Bafiliseta ba go uena. Mi balaleri ba le ba nntse mo tluñ ea kua teñ. Mi a li khaola mo mabogoñ a gague yaka tlale. Faic an caibideilBAEBELE e e Boitshepo12 Jalo Delila a tsaya megala e meša e e logilweng, a mo golega ka yone, a mo raya a re: “Samesone, Bafilisitia ba a go wela.” Balaledi ba bo ba le mo ntlwaneng e e kwa teng. Mme a e kgaola mo mabogong a gagwe jaaka tlhale. Faic an caibideil |
Ke fa Delila a raya Simesone a re: “Go fitlha jaanong o ntsieditse, o mpoleletse maaka. Mpolelele tlhe gore o ka golegwa ka eng?” A mo araba a re: “Fa o ka loga makaodi a supa a tlhogo ya me mmogo le ditlhale tse di logwang, wa a kokotela ka lomapo mo loboteng, foo ke tla nna bokoa, ke tshwana le batho botlhe.”