Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Basiamisi 15:8 - Setswana 1970

8 Ke fa a ba remaganya dirope le matheka, ya nna polao e kgolo; morago a tsamaya a ya go nna mo logageng lwa Etame.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

8 Mi a ba khemetha memo le lirope ka khemetho e kholu: mi a ea, mi a nna mo loharoñ loa lehika ya Etama.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

8 A ba šašaanya ka polao e kgolo; a fologa a aga mo lofarong lwa lefika la Etame.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Basiamisi 15:8
9 Iomraidhean Croise  

A agelela Betleheme le Etame le Thekoa


Gonne seatla sa Morena se tla nna mo thabeng e, mme Moabe o tla gatakelwa fa fatshe mo felong ga gagwe jaaka go gatakwa dikokole mo metsing a kgatampi ya malôkô.


“Ke gatile segatelo ke le nosi, go se morafe ope o o nang le nna; ka ba gataka ke le bogale, ka ba pšhwetlakanya ke galefile; ke fa madi a bone a gasegela mo diaparong tsa me, ke kgotlela tsotlhe tse ke di apereng.


Ka gataka merafe ke le bogale, ka ba tagisa ke galefile, ka tsholelela madi a bone fa fatshe.”


ba tima bogale jwa molelo, ba falola mo bogaleng jwa tšhaka, ba thatafala mo bokoeng, ba nna bogale mo tlhabanong, ba fenya mephato ya merafe e sele.


Banna ba Juta ba botsa ba re: “Ke ka ntlha ya eng, fa lo re bololetse?” Ba re: “Re bolotse go golega Simesone gore re mo direle jaaka a re diretse.”


Ke fa banna ba le 3 000 ba Juta ba fologela kwa logageng lwa Etame, ba raya Simesone ba re: “A ga o itse gore Bafelesita ba a re busa? Jaanong ke eng se o se re diretseng?” A ba araba a re: “Ke ba diretse fela jaaka ba ntiretse.”


Mme Simesone a ba raya a re: “Fa lo dira tse di ntseng jalo, ruri, ga nkitla ke ikhutsa ke ise ke ipusolosetse mo go lona.”


Mme Bafelesita ba bolola, ba thibelela mo nageng ya Juta; ba anama kwa Legi.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan