Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Basiamisi 15:12 - Setswana 1970

12 Ba mo raya ba re: “Re tsile go go golega le go go neela mo diatleng tsa Bafelesita.” Simesone a ba raya a re: “Inkaneleng pele gore ga lo kitla lo mpolaya ka losi.”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

12 Mi ba mo raea, Re tlile go gu golega, gore re gu tsenye mo atleñ tsa Bafiliseta. Mi Samesone a ba raea, Inkaneleñ ha lo si kitla lo ’nkoela.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

12 Ba mo raya ba re: “Re tsile go go golega, gore re go tsenye mo seatleng sa Bafilisitia.” Samesone a ba raya a re: “Inkaneleng fa lo se ketla lo nkwela ka losi.”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Basiamisi 15:12
7 Iomraidhean Croise  

Kgosi Salomo a roma Benaya morwa Joyata, a feta a mo wela, mme a swa.


Benaya morwa Joyata a ya, a mo wela, a mmolaya, mme a fitlhwa mo ntlong ya gagwe kwa sekakeng.


Ya re ba sena go mo golega, ba eta ba mo goga, ba mo neela Pontio Pilato, molaodi.


A ba a itlhoma gore ba ga gabo ba tla lemoga, fa Modimo o ba naya pholoso ka letsogo la gagwe; mme ba se ka ba lemoga.


Ke fa banna ba le 3 000 ba Juta ba fologela kwa logageng lwa Etame, ba raya Simesone ba re: “A ga o itse gore Bafelesita ba a re busa? Jaanong ke eng se o se re diretseng?” A ba araba a re: “Ke ba diretse fela jaaka ba ntiretse.”


Ba mo araba ba re: “Nnyaya, re tla go golega fela, re go neela mo diatleng tsa bone, mme ruri ga re kitla re go bolaya.” Jaanong ba mo golega ka dithapo tse pedi tse dintšhwa, ba mo ntsha mo logageng.


Mme Seba le Salemuna ba re: “Nanoga ka wesi o re wele; gonne thata ya monna e lekana le sebopego sa gagwe.” Ke fa Giteone a nanoga, a bolaya Seba le Salemuna, a tsaya dingwedinyana tse di mo melaleng ya dikammele tsa bone.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan