Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Basiamisi 15:11 - Setswana 1970

11 Ke fa banna ba le 3 000 ba Juta ba fologela kwa logageng lwa Etame, ba raya Simesone ba re: “A ga o itse gore Bafelesita ba a re busa? Jaanong ke eng se o se re diretseng?” A ba araba a re: “Ke ba diretse fela jaaka ba ntiretse.”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

11 Ereha gona banona ba Yuda ba teri thousanda ba eañ kua loharoñ loa lehika ya Etama, mi ba raea Samesone, A gu itse ha Bafiliseta ba re busa? Eñ se u se re rihetseñ? Mi a ba raea, Ki ba rihetse yaka ba ’ntihetse.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

11 Foo banna ba Juta ba le 3 000 ba ya kwa lofarong lwa lefika la Etame, ba raya Samesone ba re: “A ga o itse fa Bafilisitia e le bone balaodi ba rona? Selo se o se re diretseng ke eng?” A ba raya a re: “Jaaka ba ntiretse, ke ba diretse jalo.”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Basiamisi 15:11
10 Iomraidhean Croise  

Etame le Iserele le Isema le Itebase – leina la kgaitsadia-bone e le Haseleleponi –


Ke tla lo romela tšhaka e e busolosetsang kgolagano. Mme le fa lo tshabela kwa metseng ya lona, ke tla lo romela leroborobo, mme lo tla neelwa mo diatleng tsa baba.


Morena o tla go dira tlhogo, e seng mogatla; o tla nna kwa godimo fela, ga o kitla o nna kwa tlase fa o utlwa ditaolo tsa Morena, Modimo wa gago, tse ke di go laelang kajeno gore o di tlhokomele le go dira ka tsona;


“Moeng yo o nang nao o tla nna a gola, a go feta ka bogolo, mme wena o tla nna o fologela kwa tlase.


Mme Baiseraele ba fela ba dira tse di bosula mo matlhong a Morena. Ke fa Morena a ba neela mo diatleng tsa Bafelesita dinyaga di le 40.


Mme rraagwe le mmaagwe ba bo ba sa itse, fa seo se tswa mo Moreneng; ka gonne o ne a batla sesana-nkgope mo Bafelesiteng. Kana ka sebaka seo Bafelesita ba ne ba busa Baiseraele.


Banna ba Juta ba botsa ba re: “Ke ka ntlha ya eng, fa lo re bololetse?” Ba re: “Re bolotse go golega Simesone gore re mo direle jaaka a re diretse.”


Ba mo raya ba re: “Re tsile go go golega le go go neela mo diatleng tsa Bafelesita.” Simesone a ba raya a re: “Inkaneleng pele gore ga lo kitla lo mpolaya ka losi.”


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan