Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Basiamisi 14:4 - Setswana 1970

4 Mme rraagwe le mmaagwe ba bo ba sa itse, fa seo se tswa mo Moreneng; ka gonne o ne a batla sesana-nkgope mo Bafelesiteng. Kana ka sebaka seo Bafelesita ba ne ba busa Baiseraele.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

4 Mi rague le mague ba bo ba sa itse ha e le le ga Yehova, go batla lobaka kaga Bafiliseta: gone Bafiliseta ba bo ba busa Bayeserela ka motla ouo.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

4 Rraagwe le mmaagwe ba bo ba sa itse fa e le se se tswang mo go Jehofa; gonne o ne a senka seipato sa go kgopisa Bafilisitia. Ya bo e rile ka baka loo Bafilisitia ba bo ba busa Iseraele.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Basiamisi 14:4
14 Iomraidhean Croise  

Kgosi ya se ka ya utlwana le morafe. Mme e ne e le se se tswang kwa Moreneng gore a tle a dirafatse lefoko la gagwe le o le buileng le Jerobeame morwa Nebate ka Ahia wa Silo.


‘Morena o bua jaana a re: Lo se ka lwa bolola go ya go tlhabana le Baiseraele bomorwa-rraalona. A mongwe le mongwe a boele kwa lapeng la gagwe. Gonne selo seo se dirilwe ke nna.’ ” Ba utlwa lefoko la Morena, ba boela gae ka fa lefokong la Morena.


Ya re a sa ntse a bua nabo, kgosi ya tlhaga, ya fologela kwa go ene, ya re: “Bonang, tatlhego e, e tswa kwa Moreneng. Ke sa ntse ke lebelela eng mo Moreneng?”


Kgosi ya se ka ya utlwana le morafe. Mme e ne e le se se tswang kwa Modimong gore Morena a dirafatse lefoko la gagwe le o le buileng le Jerobeame morwa Nebate ka Ahia wa kwa Silo.


Mme e ne e le tatlhego ya ga Ahasia e e tswang mo Modimong, fa a ya kwa go Jorame. Kana ya re a fitlha, a bolola le Jorame, ba ya kwa go Jehu morwa Nimesi yo Morena o neng a mo tloleditse gore a nyeletse ba lapa la ga Ahabe.


Mme Amasia a se ka a utlwa; gonne go ne go tswa mo Modimong go mo neela mo diatleng tsa ga Joase, ka ba ineetse mo medimong ya Baetomo.


Athe Modimo wa rona o mo legodimong, o dira tsotlhe tse o ratang go di dira.


Ka moo baokamedi mmogo le dikgosana ba batla lebaka go ka baya Daniele molato ntlheng ya puso, mme ba palelwa ke go bona molato gongwe tshenyo mo go ene; ka gonne o ne a ikanyega, go sa bonwe phoso epe le e seng tshenyo mo go ene.


o tla direla baba ba gago ba Morena o tla ba romelang kwa go wena, o le mo tlaleng le mo lenyoreng, o sa ikatega, o tlhoka tsotlhe. Mmaba o tla go rwesa joko ya tshipi molaleng go ya a be a go nyeletse.


Gonne e ne e le Morena yo o thatafatsang dipelo tsa bone, mo ba bololang go tlhabana le Baiseraele gore bone ba dirafatse khutso ya Modimo mo go bone, mme ba se ka ba bona bopelotlhomogi bope, mme ba ba fedise jaaka Morena a laotse Moše.


Mme Baiseraele ba fela ba dira tse di bosula mo matlhong a Morena. Ke fa Morena a ba neela mo diatleng tsa Bafelesita dinyaga di le 40.


Jaanong Simesone a ya kwa Thimena, a na le rraagwe le mmaagwe. Mme ya re ba fitlha kwa masimong a moweine a Thimena, tawana ya mo kgatlhantsha e duma.


Ke fa banna ba le 3 000 ba Juta ba fologela kwa logageng lwa Etame, ba raya Simesone ba re: “A ga o itse gore Bafelesita ba a re busa? Jaanong ke eng se o se re diretseng?” A ba araba a re: “Ke ba diretse fela jaaka ba ntiretse.”


Mme Simesone a ba raya a re: “Gona fa nka se nne molato fa pele ga Bafelesita, fa ke ba direla bosula.”


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan