Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Basiamisi 14:3 - Setswana 1970

3 Mme rraagwe le mmaagwe ba mmotsa ba re: “A ga go na mosadi ope mo go bomorwadia ba ga eno le mo morafeng otlhe wa ga rona, fa o ya go tsaya mosadi mo go Bafelesita ba ba sa rupang?” Mme Simesone a raya rraagwe a re: “Mo mpatlele, gonne ene o kgatlha matlho wa me.”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

3 Mi rague le mague ba mo raea, A ga go na mosari go bomoroaria bana ba rago, le mo bathuñ ba me botle, ka u ea go tsaea mosari oa Bafiliseta ba ba sa guerisioañ? Mi Samesone a raea rague, Mo ’ntsele, gone ki khatliloe ki ena.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

3 Foo rraagwe le mmaagwe ba mo raya ba re: “A ga go na mosadi ope mo go bomorwadia bagaeno, le fa e le mo bathong botlhe bagaeno, fa e bo ne ne o ya go tsaya mosadi wa Bafilisitia ba ba sa rupang?” Samesone a raya rraagwe a re: “Mo mpatlele; gonne o nkgatlha thata.”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Basiamisi 14:3
15 Iomraidhean Croise  

Ke fa Aborame a raya Lote a re: “A go ko go se nne kgang fa gare ga me le wena, le fa gare ga badisa ba me le badisa ba gago, gonne re bana ba motho.


Ke fa Aborahame a ntsha dinku le dikgomo, a di naya Abimelege; ba babedi bao ba dira kgolagano jalo.


ba ba raya ba re: “Ga re ka ke ra naya monna yo o sa rupang kgaitsadia-rona; go ka re tlhabisa ditlhong.


Lo se ka lwa itsise kwa Gathe le e seng go bolela mo mebileng ya Ašekalone, e se re gongwe bomorwadia Bafelesita ba itumela, bomorwadia ba ba sa rupang ba duduetsa.


Gonne fa lo ka boa ka morago, lwa kopana le masalela a ditšhaba tse, tse di setseng mo go lona, lwa nyalana nabo, lwa tlhakatlhakana nabo,


A boa a bolelela rraagwe le mmaagwe a re: “Ke bonye mosadi wa bomorwadia Bafelesita kwa Thimena. Mme jaanong ka re: Mo mpatleleng, e nne mosadi wa me.”


Mme ya re a nyorilwe thata a lelela Moreneng a re: “Ke wena o dirileng pholoso e kgolo e ka letsogo la motlhanka wa gago. A jaanong ke tla swa ka lenyora, ke wela mo diatleng tsa ba ba sa rupang?”


Jaanong Jonathane a raya motlhanka yo o rweleng dibolai tsa gagwe a re: “Tlaya, re kgabaganyetse kwa batlhoding ba ba sa rupang bale. Ka gongwe Morena o tla re thusa; gonne ga go na se se ka thibelang Morena go pholosa ka bontsi gongwe ka bobotlana.”


Dafita a botsa banna ba ba emeng fa go ene a re: “Monna yo o tla fenyang Mofelesita yole, a tlosa ditlhong mo Iseraeleng, o tla direlwang? Kana Mofelesita yo o sa rupang yoo ke mang mo a ka kgobang mephato ya Modimo o o phelang?”


Le fa e le tau gongwe bere motlhanka wa gago o di fentse ka bobedi jwa tsona. Mme Mofelesita yo o sa rupang yoo o tla direlwa fela jaaka nngwe ya tsona; gonne o kgobile mephato ya Modimo o o phelang.”


Ke fa Saule a raya motshola-dibolai wa gagwe a re: “Somola tšhaka ya gago, o mphololetse ka yona, e se re gongwe ga tla ba ba sa rupang bale ba mphololetsa, ba ntshotla.” Mme motshola-dibolai wa gagwe a gana, ka a boifa thata. Foo Saule a tsaya tšhaka, a itigela mo go yona.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan