Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Basiamisi 14:2 - Setswana 1970

2 A boa a bolelela rraagwe le mmaagwe a re: “Ke bonye mosadi wa bomorwadia Bafelesita kwa Thimena. Mme jaanong ka re: Mo mpatleleng, e nne mosadi wa me.”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

2 Mi a tla a bulelela rague le mague, mi a re, Ki bonye mosari kua Timenata oa bomoroaria Bafiliseta; mi yana, lo mo ’ntsele mosari.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

2 Mme a tla a bolelela rraagwe le mmaagwe a re: “Ke bonye mosadi wa bomorwadia Bafilisitia mo Timena; mme ka re lo mo mpatlele go nna mosadi wa me.”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Basiamisi 14:2
8 Iomraidhean Croise  

A nna mo sekakeng sa Pharane; mmaagwe a mmatlela mosadi kwa lefatsheng la Egepeto.


Šegeme a ba a bua le Hemore rraagwe a re: “Mpatlele mosetsana yoo gore a nne mosadi wa me.”


Juta a batlela Ere, morwawe wa ntlha, mosadi yo leina la gagwe e leng Thamare.


Mme Joase kgosi ya Iseraele a roma kwa go Amasia kgosi ya Juta a re: “Mosu wa kwa Lebanone wa roma kwa mosetereng o o kwa Lebanone wa re: ‘Neela morwaake morwadio go nna mosadi.’ Mme diphologolo tsa naga tse di kwa Lebanone tsa feta tsa gataka mosu oo.


Tsayang basadi, lo tsale bana ba basimane le ba basetsana. Le gona lo tseele bomorwaa-lona basadi mme a bomorwadia-lona ba nyalwe ke banna gore ba belege bana ba basimane le ba basetsana gore lo ntsifale teng koo, mme lo se ka lwa ngotlega.


Simesone o kile a ya kwa Thimena, a bona mosadi wa bomorwadia Bafelesita kwa Thimena.


Mme rraagwe le mmaagwe ba mmotsa ba re: “A ga go na mosadi ope mo go bomorwadia ba ga eno le mo morafeng otlhe wa ga rona, fa o ya go tsaya mosadi mo go Bafelesita ba ba sa rupang?” Mme Simesone a raya rraagwe a re: “Mo mpatlele, gonne ene o kgatlha matlho wa me.”


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan